Setshwantsho: Molatofadiwa mo kgetsing ya polao le maiteko a polao, Tshwaro Mangwegape
Ka OBAKENG MAJE
22 Diphalane 2026 – Ditheetso mo kgetsing ya polao le maiteko a polao, Tshwaro Mangwegape yo e leng mogwebi o itsegeng gape ele mong wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, di buseditswe morago go fitlha di 11 Ferikgong 2027, ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la maabane. Se, se tla morago ga gore mmueledi wa gagwe a se iponatse kwa kgotlhatshekelo ka ntlheng ya bolwetsi.
Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (34).
Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.
Go ya ka dipego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhokomedi ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.
Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.
Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o boela kgotlha-tshekelo gompieno go tswelela ka ditheetso motshekong.
Kgabagare, dipaki di le mmalwa, go akaretsa Kokwe, di se ntse di neelane ka bopaki.
Setshwantsho: Bangwe ba ba latofadiwa, Bakang Katong, Phenyo Katong ga mmogo le Katlego Mosimege
Ka OBAKENG MAJE
22 Diphalane 2026 – Ditheetso mo kgetsing ya polao kgatlhanong le mmeteledi, Bakang Katong (33), morwa rragwe Phenyo Katong (35), Thabang Lenyai (24) ga mmogo le Katlego Mosimege (32), di tsweletse kwa kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung. Mo letsatsing la maabane, mogoloe moswi, Thabiso Mothibedi e leng Boingotlo Mothibedi, o neelane ka bopaki mabapi le se se lebisitseng kwa go bolaweng ga monnawe.
Balatofadiwa ba lebagane le melato e le metlhano. Ba latofadiwa ka dikgetsi di le pedi tsa go thopa ka dikgoka, polao e rulagantsweng, ga mmogo le dikgetsi di le pedi tsa go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di masisi.
Boingotlo Mothibedi o boleletse lekgotha fa ka di 22 Moranagng 2022, a ile a makadiwa ke go bona banna ba feta nne ba ikgorotsa kwa lelapeng la kwa gagabo kwa motsesetoropong wa Kanana, gaufi Orkney. Are banna ba, ba ne ba kgweetsa sejanaga sa modiro wa Toyota GD6 single cab, mme ba tsamaya le ngwana wa ga ausi wa gagwe.
O tlhaloseditse lekgotlha fa bangwe ba banna ba, e ne e le molatofadiwa wa ntlha, Bakang Katong le Thabang Lenyai.
“Banna ba, ba ile ba fitlha ba kokotha, mme o mongwe wa bone o ne a itatlhela ka kgoro e kwa morago ntle le go kokotha. Bakang Katong o ne a botsa gore a Thabiso Mothibedi ga e se a tle kwa gonna. Ke ne ka mo bolelela fa le ka matlho ke ise ke mmone. Bakang Katong, o ne a nlotlege fa Thabiso a mo utsweditse madi a magareng ga R21 000 le R23 000, ga mmogo le diritibatsi tsa boleng jwa R1200,” Mothibedi wa tlhalosa.
Boingotlo Mothibedi o ne a tlhalosetsa lekgotlha fa a ile a ikuela go Katong go se dire monnawe sepe fa a ka mo bona, mme a mo letsetse gore ba dire dithulaganyo tsa go duela madi ao. Mothibedi are Katong o ne a mo tshepisa jalo.
Go begwa fa kgwedi ya Moranang e tlhola matsatsi a le 29 ka ngwaga wa 2022, balatofadiwa, Bakang Katong, Phenyo Katong ga mmogo le moswi Setshwantsho Tlhomelang, ba ile ba tswa letsholo le go leba kwa motseng wa Longaneng mono Taung go ya go batlana le Thabiso Mothibedi. Tsala ya ga Thabiso Mothibedi, e leng Goitsemodimo Tlhomelang, o boleletse lekgotlha fa balatofadiwa ba ile ga goroga ba shakgetse kwa lelapeng la gagwe kwa ba fitlhetseng Thabiso Mothibedi gone.
Tlhomelang o kaile fa e ne ya re mo kgorogong ya bone, Bakang ga mmogo le mogoloe, Phenyo Katong, ba ile ba tlhasela moswi ka go mo teketa.
“Ba ile ba teketa moswi go utlwa, mme motho o a ileng a mo digela dingalo thata ke Phenyo. O ne a mo ragakaka le go mo itaya ka mabole. Bakang ene o ne a mo itaya fela ka matsogo, mme a mo phuruphutsa. One a fitlhela madi a kanang ka R4900 go tswa go moswi.
“Ba ile ba mo hapa ka thudi, le go tlhalosa fa a batliwa kwa gagabo mabapi le go utswa madi. Ka nako eo, moswi o ne a phukgapukga madi. Ba ile ba mo latlhela kwa morago ga sejanaga le go tsamaya ka ene,” Tlhomelang wa tlhalosa.
Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba fitlha ba digela moswi dingalo go utlwala kwa legaeng la ga Bakang Katong. Go begwa fa Bakang Katong, a ile a letsetsa Boingotlo Mothibedi ka nako eo.
Go ya ka Boingotlo Mothibedi, e ne ya re mo go arabeng mogala wa gagwe, go ne ga bua monnawe e leng Thabiso Mothibedi yo o neng a utlwala a le mo ditlhabing. Boingotlo Mothibedi o tlhaloseditse lekgotlha fa a ile a botsa monnawe gore a o teketilwe, gonne o ne a buela kwa tlase.
“Thabiso o ile a nkaela fa a teketilwe, mme e seng thata. Thabiso o ne a ntlhalosetsa gore ene ga utswa madi a boleng jwa R23 000 jaaka molatofadiwa a buile, fela ene o tshotse madi a kanang ka R9100. Gone foo, ke fa mogala wa letheka o tsewa ke molatofadiwa.
“Ke ne ka mo botsa gore go baneng ba teketa Thabiso le mororo re dumalane gore ga nkitla a dira jalo. Molatofadiwa wa ntlha one a dumela gore ee ke nnete ba mo teketile. Moragonyana, ke ile ka amogela mogala go tswa kwa go Bakang Katong yo o neng a tlhalosa fa Thabiso a tlhokafetse,” Mothibedi wa tlhalosa.
Mothibedi are Bakang Katong o ile a mo laela fa setopo sa ga Thabiso se le kwa kliniking ya selegae. Are o ile a mo laela gore a tsamaye motse le motsana kwa masikeng a ga Thabiso le go ba tlhalosetsa gore o dirileng.
“Ke ne ka mo laela gore a ye kwa ga rra Phiri, Komane ga mmogo le kwa ga rra-Mothibedi go ya go ba tlhalosetsa gore o dirileng,” Mothibedi wa tlhalosa.
Mothibedi are Bakang Katong o ne a dira fela jalo, go fitlhelela a tsaya mongwe wa leloko la lelapa go ya le ene kwa motseng wa Tlapeng go ya go kopana le mamogolo wa gagwe, gonne molatofadiwa wa ntlha a sa mo fitlhela kwa ga rra Mothibedi.
Mmueledi wa molatofadiwa wa ntlha, wa boraro ga mmogo le wa bone, o tlhaloseditse lekgotlha fa balatofadiwa ba le bararo ba sa ipone molato mabapi le ditatofatso tsotlhe di le tlhano kgatlhanong le bone. Are ba tlile go ntsha bopaki jo bo shupang fa moswi a bolailwe ke molatofadiwa wa bobedi, Thabang Lenyai ga mmogo le setlhopa sa basimanyana ba ba sa itsiweng.
Lenyai o boleletseng le lekgotlha fa a tlile go ipuelela mo kgetsing e. Fela Lenyai yo o bontshang a sa tlhaloganye sepe ka tsa semolao le dikgato tsa kgotlhatshekelo, ene ya re go utlwa gore gatwe ke ene a bolaileng moswi ka go mo ngata ka sengwe se se boima mo tlhogong, o ile a thukutha tlhogo ka go makala, mme tsholetsa letsogo la gagwe la moja.
Magistrata o ne a tlhalosetsa Lenyai fa go na le tsamaiso ya kgotlhatshekelo, mme o tla neelwa tshono ya go ntsha letlhakuri la gagwe fa nako eo e fitlha.
Kgabagare, bosekisi bo solofetswe go bitsa dipaki di le tharo, fa ditheetso mo kgetsing e di tswelela.