Banna ba le babedi ba ba latofadiwang ka go thuba dijanaga tsa di 7-seaters ba neetswe beile ya R2000 mongwe le mongwe


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Banna ba le babedi ba ba latofadiwang ka tshenyo ya dithoto, e leng Xolani Lloyd Nkonyana (47) ga mmogo le Vuyani Vincent Nobula (50), ba golotswe ka beile ya R2000 mongwe le mongwe. Nkonyana ga mmogo le Nobula, ba ile ba tshwarwa mo bekeng e e fetileng mabapi le ditatofatso tsa go thubakaka dijanaga di le pedi tsa bakgweetsi ba di 7-seaters jaaka ba itsege.

Go begwa fa go ile ga tsoga ntwa e matlho mahibidu magareng ga borra ditekesi le bakgweetsi ba di 7-seaters. Borra ditekesi ba latofatsa bakgweetsi ba di 7-seaters ka go ba tseela kgwebo.

Nkonyana o boleletseng le kgotlha fa e le moipereki, mme a na le ditekesi. Gape Nkonyana o tlhalositse fa a na le kgetsi ya go teketa e a e sekang gone mo kgotlhatshekelo ya Taung.

O tlhalositse gape fa a tlile a bonwa molato mo kgetsing ya bogodu jwa leruo ga mmogo le kgetsi ya go teketa. Nobula ene o begetse lekgotlha fa a seka kgetsi ya polao.

Nobula was tlhaloseditse lekgotlha fa le ene a na le ditekesi di le pedi.

Banna ka bobedi ba tla boela kgotlhatshekelo fa kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 26, fa dipatlisiso di tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso mo kgetsing ya polao kgatlhanong le mmeteledi, Bakang Katong ga mmogo le balatofadiwa ka ene ya tswelela


OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e tla boela kwa kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la gompieno. Bakang Katong (33), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (24), Katlego Mosimege (32), le Phenyo Katong (35), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le nne tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le motsoko wa R600.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao le maiteko a polao kgatlhanong le Tshwaro Mangwegape e boela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Mogwebi o itsegeng gape ele mong wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, yo a lebaganeng le kgetsi ya polao le maiteko a polao o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (34).

Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.

Go ya ka dipego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhokomedi ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.   

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.

Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o boela kgotlha-tshekelo gompieno go tswelela ka ditheetso motshekong.

Kgabagare, dipaki di le mmalwa, go akaretsa Kokwe, di se ntse di neelane ka bopaki.

taungdailynews@gmail.com

Motlhankela wa sepodisi o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga magareng ga Vryburg le Ganyesa


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Motlhankela wa sepodisi, Constable Itumeleng Pule (40), yo o neng a dira kwa lephateng la twantsho ya bogodu kwa dirui le tshireletsego ya diphologolo, o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga magareng ga Vryburg le Ganyesa mo letsatsing la Tshipi. Go begwa fa se, se tla morago ga kotsi ya go thulana ga dijanaga ka dinko di le pedi mo tseleng ya R378, mo e ka nnang dikilometara di le 20 go tswa kwa Ganyesa.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are ba tlhomamisa fa batho ba le bane ba ne ba amega mo kotsing eno. Van Rooyen are kotsi e, e ne e akaretsa dijanaga di le pedi.

“Go begwa fa dijanaga tseno, di ne tsa thulana di lebane, mme Volkswagen Polo e ne ya menoga morago ga thulano. Mopagami wa sejanaga sa modiro wa VW Polo, yo o nang le dingwaga di le 30, o ne a bona dikgobalo tse di botlhotshwana, fa batho ba ba neng ba le mo sejanageng se se nngwe bone ba sa gobala.

“Ka maswabi, mokgweetsi wa Polo yo o nang le dingwaga di le 40 o ne a tlhokafala mo kotsing eno,” ga rialo van Rooyen.

Van Rooyen are Pule o ne a dira jaaka Constable kwa lephateng ntwantsho ya Lwantsha bogodu jwa duruiwa le diphologolo tse di ileditsweng go tsoniwa kwa Vryburg. le go Sireletsa Diphologolo tse di mo Kotsing kwa Vryburg. Van Rooyen are go butswe kgetsi ya polao e e seng ya maikaelelo, mme dipatlisiso di tsweletse.

“Ga go na pelaelo ya gore go ka tswa go nnile le sengwe se se sa siamang kgotsa tiragalo ya bosenyi e e amanang le kotsi eno.

“Sepodisi se tsweletse ka dipatlisiso go bona mabaka a a bakileng kotsi eno e e tsereng botshelo jwa ga Pule,” ga rialo van Rooyen.

taungdailynews@gmail.com