Kgetsi ya polao le maiteko a polao kgatlhanong le Tshwaro Mangwegape e boela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Mogwebi o itsegeng gape ele mong wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, yo a lebaganeng le kgetsi ya polao le maiteko a polao o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (34).

Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.

Go ya ka dipego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhokomedi ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.   

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.

Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o boela kgotlha-tshekelo gompieno go tswelela ka ditheetso motshekong.

Kgabagare, dipaki di le mmalwa, go akaretsa Kokwe, di se ntse di neelane ka bopaki.

taungdailynews@gmail.com