Baagi ba Kolong ba batla gore meepo o bulwe

Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba kwa motseng wa Kolong, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba latlhegetswe ke tshepo mo bogosing jwa Batlhaping Baga Phuduhutswana. Baagi ba tlhaloitse fa ba na le nako e telele ba ikuela go Kgosi Tshepo Mankuroane go ba neela katlenegiso ya go epa dimenerale jaaka ditemane kwa motseng wa bone. 

Fela, ba tlhalositse fa Mankuroane a ba beile letsogo mo phatlheng, mme go se nko e tswa lemina go fitlha ga jaana.   

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Leburu Dutch Moatshetsi are mathata a ba nang le one ke gore, bogosi jwa bone le magosana, ba palelwa ke go ba thusa. Moashetsi are ba lobaka ba tsenela dikopano le bogosi, fela ga gona thuso. 

“Mo letsatsing la maabane, rene rena le Kgosi ya rona, Kgosi Sylvester Phatlhanaye, fela one a bua puo ele nosi fela are, ga gona matekiri ape a tlileng go nnang teng fa a sentse ale mo botshelong. Rona re lelela bana ba rona, gonne ga ba dire. 

“Fela, Mankuroane le ne one a re tshepisitse gore o tla kopana le rona, mme ga gwa nna jalo. Jaaka re le komiti, baagi ba re bona jaaka batho ba ba maaka. Mankuroane le ene ga ayo, ga mmogo le magosana a gagwe,” Moashetsi wa tlhalosa. 

O mongwe wa baagi, Rapelang Tapiso are ba lapile ke go boa-boa kwa kgotlha, mme ba ipotsa gore go baneng Mankuroane a sia-sia. Tapiso are morafe o tlhoka dikarabo, mme se se makatsang ke gore, Mankuroane kgale a boa-boa kwa go bone. 

“Kgosi o ile are tshepisa gore se re se batlang re tlile go se bona. Kgosi o tshwere selo sa rona, mme o gana go re se naya. Potso ke gore o ganelang ka sone, gonne dilo tse ke tsa morafe. 

“Matekiri a, a tshwanetswe ke go berekiwa ke morafe, mme jaaka re bua jaana, batho ba tsena kwa matekiring ao, mme ba itseela ditemane tsa morafe. Fela, basha ba le bantsi ga ba dire, mme re ikuela go Mankuroane gore are neele se eleng sa rona,” Tapiso wa tlhalosa. 

Moeteledipele wa morafe, Modiri Phatlhanyane are: “Ga e sale re tsenela dikopane le Kgosi Tshepo Mankuroane, mme re kopa gore are neele lekwalo le le re atlenegisang gore rele morafe, re ka tsweletsa kepo ya matikiri. Fela, o re tshepisitse makgetlho a le mantsi, mme re ntse re boa-boa fa gonne o ile are tshepisa gore beke e e fetileng ga nkitla e fela re ise re bone dikarabo. 

“Jaanong, baagi ba re shupa ka monwana, ebile ba re latofatsa ka go sireletsa Kgosi gonne bontsi jwa nako, go tsamaya komiti ebe e tlisa pegelo kwa morafeng. Jaanong, baagi ba ile ba tsaya tshwetso ya go tla le rona go tla go itseela ka tsebe.” 

Phatlhanyane are dilo di pedi fela tse baagi ba di batlang. Are ke gore a Mankuroane wa ba thusa kgotsa nnyaa. 

Kgabagare, Mankurone are ba sentse ba le mo tseleng ya go dira kopo ya lekwalo le le tla ba letlelelang gore matikiri a nne teng karolong eo. Mankuroane are kgang ya gagwe e tlhamaletse fela jaaka tsela ya Kgalagadi, ebile ga nkitla a tsamaya a fetogile. 

“Morafe ka ngwaga wa 2012, o ile wa tsaya tshwetso ya gore bogosi bo dire kopo ya dikepo, mme re dirile fela jalo. Ga jaana re mo tseleng eo, mme seo se tlile gore thusa thata mo go rebeng botlhoka-tiro le lehuma mo kgaolong ya rona ya Taung. Re ka se phuthi matsogo re ntse re bona bana ba rona ba sa dire. 

“Tota ga go ope o tla ratang se. Re tshepa gore letsatsi lengwe, Modimo o tla re nesetsa pula, mme botlhoka-tiro, ga mmogo le lehuma di fele mo kgaolong ya rona ya Taung,” Mankuroane wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Modiri wa bookelo jwa Taung, Phemelo Goiwakae o latofatswa ka go teketa mongwe wa baeti kwa bookelong 

Ka OBAKENG MAJE

Mongwe wa baagi go tswa kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, Oratile Coetzee, o lela a sa kgaotse, mme o latofatsa mongwe wa badiri ba bookelo jwa Taung, Phemelo Goiwakae ka go mo teketa. 

Seno se tla morago ga gore, Coetzee a tlhalose fa ba ne ba tabogiseditse mongwe wa ditsala tsa gagwe, Paul Lesetedi yo oneng a tlhabilwe ka thipa kwa bookelong go bona thuso ya potlako. 

“Re ile ra fitlha kwa bookelong jwa Taung, mme ra fitlhela badiri bangwe ba robetse. Re ile ra kokotha, mme go sena ope yo o re tlhagang thuso. Go ile ga tsoga kgaruru ma gareng ga rona le badiri bangwe, gonne ba ne ba sa batle go thusa Lesetedi yo oneng a phokga-phokga madi, mme ba mo beile fela mo setulong.

“Ke ne ka bona Goiwakae a robetse morago ga gore a bidiwe ke mongwe wa baoki. Fela, one a latlhelela letsogo, mme a boa a robala. Ke ne ka ntsha mogala wa letheka, mme ka ba tshosetsa ka gore ke isa kgang e kwa dikuranteng,” Coetzee wa tlhalosa. 

Coetzee are fela one a kgorogelwa ke Goiwakae, mme a mo latofatsa ka go mo tsaya ditshwantsho. Coetzee are, gone ga tsoga kgaruru magareng ga gagwe le Goiwakae.

“Goiwakae one a nkitaya ka seatla se se bulegileng, mme a tsaya mogala wa me wa lethaka a o roba. O ile a o latlhela fa fatshe morago ga moo. Ke ile ka leka go ya go bula kgetsi kwa sepodising, fela botsamaisi jwa bookelo bone jwa ntetsetsa go tla go buisana ka kgang e mo letsatsing le le latelang,” Coetzee wa tlhalosa.    

Mokhuduthamaga wa Boitekanelo mono Bokone Bophirima, Madoda Sambatha, one a kgala tiragalo e ka bogale. Sambatha are ga gona modiri ope yo o nang le tetla ya go teketa motho mongwe le mongwe o etelang setheo. 

“Santlha se ke batlang go se totobatsa ke gore, ga gona ope yo tshwanelwang ke go robala mo tirong. Se se tsenyeletsa le badiri ba ba dirang bosigo. Sa bobedi ke gore, ga gona modiri ope wa lefapha o nang le tetla ya go teketa batho ba ba tlang kwa ditheo tsa rona. 

“Modiri o, o thapilwe ke lefapha go ka neelana ka ditirelo go baagi, mme ene o bone go le botokwa gore a tlhasele baeti ba rona. Jaanong, seo se farologane thata le se a se thapetsweng kwa setheong sa rona,” Sambatha wa tlhalosa. 

Sambatha are, bookelo bo tshwanetswe ke go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le Goiwakae. Gape are, botsamaisi jwa bookelo bo tshwanetswe ke go netefatsa fa ntlha eno e rarabololwa ka bonako. 

“Botsamaisi jwa bookelo jwa Taung, bo tshwanetse gape ke go tsaya dikgato kgatlhanong le badiri botlhe ba ba robalang mo tirong,” Sambatha wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa Goiwakae a ile a neelwa lekwalo-kgalemo la bofelo (final written warning) ke botsamaisi jwa bookelo morago ga tiragalo e.  

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Majaneng e buseditswe morago 

Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha ka di 3 Seetebosigo 2024. Motseothata Nelson Seoleseng (35), o tlhotse a tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le ditofatso tsa go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwaretsweng polao kwa Majaneng o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, Motseothata Nelson Seoleseng (35), o solofetswe go shadikanya matlho fa pele ga magistrata wa Taung mo letsatsing la gompieno. Seoleseng o latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Bese e neng e tshwanetse go rwalela baithuti ba kwa Tlapeng 1 kwa sekolong e ganne go duma

Ka OBAKENG MAJE

Batsadi ba baithuti ba ba nnang kwa Tlapeng 1, mme ba tsena sekolo kwa Serasengwe kwa Tlapeng, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba itemogela matsapa ka sepalangwa se se rwalang baithuti go ya sekolong. Go ya ka mongwe wa batsadi, Lesego Senwedi, baithuti ga ba kgona go ya sekolong fa dikolo di ne di bula maloba, gonne bese e ba neng ba tshwanetse gore ba e palame e ile ya palelwa ke go duma mo mosong.

“Bana ba rona ga ba ye sekolong ka ntlheng ya gore ga gona bese e ba rwalelang koo. Fa dikolo di ne di bulwa ka Ferikgong fa ngwaga o tshimolola, ba ile ba dula matsatsi a le mararo ba sa ye sekolong, gonne go sena bese e ba tsayang. 

“Le ka kgwedi ya Tlhakole 2024, bana ga ba kgona go ya sekolong, mme bothata e ntse ele jone jwa sepalangwa. Fa dikolo di ne di bulwa maloba, bana ga ba kgona go ya sekolong gonne bese eneng e tshwanetse gore e ba tseye, e paletswe ke go duma mo mosong. Re ile ra leka go bua le mogokgo, mme ga go nko e tswang lemina.

Motsadi o mongwe, Dorah Serasengwe are tlholego ya sepalangwa ke tlhoba-boroko, gonne bana ba bone ba saletse kwa morago ka dithuto tsa bone ka ntlheng ya tlhokego ya sepalangwa.

“Re lekile go bua le batho botlhe ba ba maleba go ka rarabolola bothata jo, fela ga gona thuso e re e bonang,” Serasengwe wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Tshireletso ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa mo Bokone Bophirima, Lucas Mothibedi are, lefapha la itse ka mathata ao a kwa Tlapeng 1. Mothibedi are lefapha le sweditse go kgaogana le moneela ditirelo kwa motseng o.

“Moneela ditirelo, o paletswe ke tiro ya gagwe, mme ga jaana re tshotse tshwetso ya go kgaogana le ene. Re tla tsenya tirisong mokgwa mongwe wa go bona gore baithuti ba fitlha jang kwa sekolong. Re tlile go netefatsa fa moneela ditirelo o, a tlosiwa mo lenaneng la baneela ditirelo ba lefapha.

“Re dira ka bojotlhe ga mmogo le tlhogo ya lefapha, Dr Hans Kekana gore ba neela ditirelo botlhe ba ba palelwang ke go dira tiro ya bone, re kgaogane le bone mme dikonteraka tsa bone di shutlhiwe leruri,” Mothibedi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso mo kopong ya beile di tla rediwa mo letsatsing la gompieno

Ka OBAKENG MAJE

Katlholo mo ditheetso tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le Motseothata Nelson Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, solofetswe go reediwa mo letsatsing la gompieno. Seoleseng o a kopang go gololwa ka beile, one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso mo kopong ya beile di buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

Katlholo mo ditheetso tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le Motseothata Nelson Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, di buseditswe morago go fitlha 9 Morananag 2024. Seoleseng o a kopang go gololwa ka beile, one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa a na le lekgarebe la gagwe.

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo.

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.”

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.

taungdailynews@gmail.com

Mosimane oneng a timetse kwa Pudimoe o bonwe

Setshwantsho: Mosimane oneng a timetse, Ofentse Sehalane/Facebook  

Ka OBAKENG MAJE

Ba lelapa la ga Ofentse Sehalane (6) o oneng a begwa a timetse kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba itumeletse go bonwa ga morwa wa bone. Go begwa fa Ofentse ane a timela mo bekeng e e fitileng.

Fela, one a bonwa mo letsatsing la maabane mo mosong gaufi le mabitla. Ofentse yo go begwang fa a apere sekipa sa mmala o mo khunou, ga mmogo le borokgwe jwa ka fa teng, one a nyelela.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sad Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, sepodisi se ne se sentse se bula kgetsi, fela ba lelapa ba ile ba tlhalosa fa ngwana a bonwe.

taungdailynews@gmail.com

Katlholo mo ditheetsong tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao ya kwa Majaneng e tla rebolwa  

Ka OBAKENG MAJE

Katlholo mo ditheetso tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le Motseothata Nelson Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e tla reediwa kwa kgotlhatshekelo ya Taung ka di 8 Moranang 2024.  

Seoleseng o a kopang go gololwa ka beile, one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.