Monna o ipolaile ka go ikgwagetsa kwa Magogong


Setshwantsho: Rethabile Phaole/Facebook

Ka REGINALD KANYANE

29 Moranang 2026 – Monna wa dingwaga di le 20 wa kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, o ipolaile ka go ikgwagetsa. Go begwa fa Rethabile Phaole a ile a fitlhelwa a ikgwageditse morago ga kgakgauthano ya mafoko le bangwe ba lelapa.  

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi sa itse ka tiragalo e. Van Rooyen are batlhankela ba sepodisi ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo ka Lamatlhatso, kwa setopo sa ga Phaole se ile sa bonwa ke bangwe ba maloko a lelapa.

“Go ya ka tshedimosetso, moswi o bonwe la bofelo ka ura ya bo lesome mo mosong gone ka Lamatlhatso. Go butswe kgetsi ya morago ga loso. Sepodisi ga se belaele fa go ka tswa go na le letsogo la tshwene mo kgetsing eno,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.