
Setshwantsho: Mongwe wa balatofadiwa, Thebolelo John Segwabe/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
15 Ngwanatsele 2026 – Banna ba le bararo ba tshwerwe morago ga go latofadiwa ka bogodu jwa leruo. Go begwa fa balatofadiwa, Mosioa Thato Boniface Maine (39), Nhlakanipho Tebela Bonakele (24) ga mmogo le Thebolelo John Segwabe (35), ba ile ba tshwarwa ke sepodisi fa kgwedi ya Diphalane e ne e tlhola matsatsi a le 20 ka ura ya 5:45pm kwa tselakgolo ya N18 gaufi le motse wa Magogong mono Taung.
Go ya sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, sepodisi se ile sa amogela tshedimosetso mabapi le banna ba ba neng ba tsamaisa dikgomo ka sejanaga, mme ba tsenya tshedimosetso eo tirisong. Myburgh are seo se ile sa lebisa kwa go tshwarweng ga banna ba.
“Banna ba, ba tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Taung lekgetlho la ntlha ka di 28 Diphalane 2026, mme ba lebane le ditatofatso tsa go tsholo dikgomo tse go belaelwang fa di utswilwe. Ba ile ba boela kwa kgotlhatshekelo gape fa kgwedi eno e tlhola matsatsi a le mararo.
“Dipatlisiso di tsweletse mo kgetsing eno, mme banna ba, ba tla dula ba ntse ba le kwa ntlolefitshwana,” ga rialo Myburgh.