Monna wa kwa Manokwane o ipolaile morago ga ditatofatso tsa go bolaya mokapelo wa gagwe


Ka OBAKENG MAJE

22 Moranang 2026 – Go begwa fa Mike Setumo Kokwe (54) wa kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, a ipolaile ka go ithuntsa morago ga ditatofatso tsa go kgemetha lekgarebe la gagwe ka selepe. Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga baratani, Kholombia Tsipane (50) le Mike Setumo Kokwe kwa lefelong la bonno la ga Tsipane kwa motseng wa Ranstad mo letsatsing la maabane.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Sarasanta Kelebogile Morake are go begwa fa Kokwe a ile a bolaya mokapelo wa gagwe ka go mo kgemetha ka selepe. Morake are setopo sa ga Tsipane se fitlhetswe ka dintho mo mmeleng.

“Go begwa fa Kokwe a ile a tsena ka lenga la seloko morago ga moo. Mo letsatsing la gompieno, setopo sa ga Kokwe se ile sa fitlhelwa kwa lefelong la gagwe la bonno kwa motseng wa Manokwane. Kgetsi ya morago ga loso e butswe,” Morake wa tlhalosa.

Go begwa fa Kokwe a ile a ithuntsa.

Fela morwadia Tsipane are mmagwe bolailwe ka go thuntshiwa eseng ka go kgemethiwa ka selepe.    

taungdailynews@gmail.com