
Setshwantsho: Baagi ba boloditse ditshupetso/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
26 Motsheganong 2026 – Baagi ba motse wa Madipelesa, gaufi le Taung, ba ne ba boloditse di tshupetso ka Mosupulogo mabapi le kago ya tsela. Baagi ba, ba latofatsa Lefapha la Ditiro tsa Setshaba le Ditsela mono Bokone Bophirima ka go ba tshepisa go ba agela tsela e magareng ga Rietfontein le motse wa bone, fela go fitlha ga jaana ga go nko e tswa lemina.
Baagi bangwe ba bonwe mo setshwantshong sa motsikinyego ba epa tsela e golaganyang motse wa Shaleng le Madipelesa ka bogare ka motsi wa ditshupetso. Baagi ba, gape ba tshosetsa ka go sa ye go tsaya karolo mo di voutung tse di tlang tsa di puso selegae fa ba sa agelwe tsela.
Motlatsa-modulasetilo wa komiti ya baagi kwa motseng wa Madipelesa, Mpotshang Morris are ba lobaka ba beile letsogo mo phatlheng mabapi le kago ya tsela, fela go bontsha fa moleta ngwedi e le moleta lefifi.
āHa e sale re kopa go agelwa tsela ka ngwaga wa 2017. Lefapha la Ditiro le Ditsela mono Bokone Bophirima, le ne le re tshepisitse gore re tlile go agelwa tsela ka 24 Seetebosigo 2025. Ba ne ba tshepisitse gore ba tlile go tla le mogakolodi (consultant) morago ga dikgwedi di le tharo, fela seo ga sa direla.
āLefapha le ile la re tlhalosetsa fa tsela e, e tshwanelwa ke go tlhabololwa pele ka mokgwa wa go karapiwa le go tshelwa mmu (re-gravelling). Jaanong, re il era dumela jaaka baagi. Fela, lefapha ga ise le tle go dira jalo le go fitlha ga jaana,ā Morris wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa nakwana sa Lefapha la Dithoto le Ditsela mono Bokone Bophirima, Bayanda Zenzile are: āLefapha le a itse ka matshwenyego a baagi ba Madipelesa mabapi le tsela. Fela kago ya tsela ka mokgwa wa sekontere magareng ga Madipelesa le Shaleng, e sentse e le karolo ya di thulaganyo tsa rona. Re tla dira seo morago ga go thapa mogakolodi, mme ga re itse gore seo se tla diragala leng.
āFela ga jaana, re tlile go tlhabolola tsela eo ka mokgwa wa go e tshela mmu le go e karapa (re-gravelling) gore e ke e kgone go tsamaega. Lefapha le betse thoko madi a phopholediwang go R20 million go ka thankgolola porojeke eo.ā
Zenzile are porojeke e, e tlile go tsaya dikgwedi di le thataro.
Fela Morris are madi ao a manyinyane go ka baakanya tsela ya Shaleng, Madipelesa ga mmogo le Rietfontein.