Banna ba le babedi ba ba latofadiwang ka go thuba dijanaga tsa di 7-seaters ba neetswe beile ya R2000 mongwe le mongwe


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Banna ba le babedi ba ba latofadiwang ka tshenyo ya dithoto, e leng Xolani Lloyd Nkonyana (47) ga mmogo le Vuyani Vincent Nobula (50), ba golotswe ka beile ya R2000 mongwe le mongwe. Nkonyana ga mmogo le Nobula, ba ile ba tshwarwa mo bekeng e e fetileng mabapi le ditatofatso tsa go thubakaka dijanaga di le pedi tsa bakgweetsi ba di 7-seaters jaaka ba itsege.

Go begwa fa go ile ga tsoga ntwa e matlho mahibidu magareng ga borra ditekesi le bakgweetsi ba di 7-seaters. Borra ditekesi ba latofatsa bakgweetsi ba di 7-seaters ka go ba tseela kgwebo.

Nkonyana o boleletseng le kgotlha fa e le moipereki, mme a na le ditekesi. Gape Nkonyana o tlhalositse fa a na le kgetsi ya go teketa e a e sekang gone mo kgotlhatshekelo ya Taung.

O tlhalositse gape fa a tlile a bonwa molato mo kgetsing ya bogodu jwa leruo ga mmogo le kgetsi ya go teketa. Nobula ene o begetse lekgotlha fa a seka kgetsi ya polao.

Nobula was tlhaloseditse lekgotlha fa le ene a na le ditekesi di le pedi.

Banna ka bobedi ba tla boela kgotlhatshekelo fa kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 26, fa dipatlisiso di tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.