Motlhankela wa sepodisi o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga magareng ga Vryburg le Ganyesa


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2026 – Motlhankela wa sepodisi, Constable Itumeleng Pule (40), yo o neng a dira kwa lephateng la twantsho ya bogodu kwa dirui le tshireletsego ya diphologolo, o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga magareng ga Vryburg le Ganyesa mo letsatsing la Tshipi. Go begwa fa se, se tla morago ga kotsi ya go thulana ga dijanaga ka dinko di le pedi mo tseleng ya R378, mo e ka nnang dikilometara di le 20 go tswa kwa Ganyesa.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are ba tlhomamisa fa batho ba le bane ba ne ba amega mo kotsing eno. Van Rooyen are kotsi e, e ne e akaretsa dijanaga di le pedi.

“Go begwa fa dijanaga tseno, di ne tsa thulana di lebane, mme Volkswagen Polo e ne ya menoga morago ga thulano. Mopagami wa sejanaga sa modiro wa VW Polo, yo o nang le dingwaga di le 30, o ne a bona dikgobalo tse di botlhotshwana, fa batho ba ba neng ba le mo sejanageng se se nngwe bone ba sa gobala.

“Ka maswabi, mokgweetsi wa Polo yo o nang le dingwaga di le 40 o ne a tlhokafala mo kotsing eno,” ga rialo van Rooyen.

Van Rooyen are Pule o ne a dira jaaka Constable kwa lephateng ntwantsho ya Lwantsha bogodu jwa duruiwa le diphologolo tse di ileditsweng go tsoniwa kwa Vryburg. le go Sireletsa Diphologolo tse di mo Kotsing kwa Vryburg. Van Rooyen are go butswe kgetsi ya polao e e seng ya maikaelelo, mme dipatlisiso di tsweletse.

“Ga go na pelaelo ya gore go ka tswa go nnile le sengwe se se sa siamang kgotsa tiragalo ya bosenyi e e amanang le kotsi eno.

“Sepodisi se tsweletse ka dipatlisiso go bona mabaka a a bakileng kotsi eno e e tsereng botshelo jwa ga Pule,” ga rialo van Rooyen.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.