
Ka OBAKENG MAJE
22 Diphalane 2026 – Mogokgo wa sekolo se se potlana sa Othaile kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa, e bong Scoco Kgatlhane (30), go begwa fa a ne a tshwarwa ka ntlheng ya go fitlhelwa fa a na le sethunya se se belaelwang se se mo molaong ga mmogo le matlhatlhela. Go begwa fa mapodisi a ne a amogela tshedimosetso ya gore go na le motho yo go belaelwang gore o na le sethunya se se se nang laesense.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, a re morago ga gore mapodisi a latelele tshedimosetso eo, mmelaelwa o ne a fitlhelwa a na le sethunya seo, mme a tshwarwa.
“Mapodisi a ne a amogela tshedimosetso ya gore go na le motho yo go belaelwang gore o na le sethunya se se se nang laesense. Fa tshedimosetso eo e sena go latelwa, mmelaelwa o ne a fitlhelwa a na le sethunya seo, mme a tshwarwa.
“Molatofadiwa o go tlhageletse ka boripana kwa kgotlatshekel ya Ganyesa ka di 21 Diphalane 2026, a lebane le ditatofatso tsa go nna le sethunya le matlhatlhela tse di seng mo molao,” ga rialo van Rooyen.
Van Rooyen are mapodisi a santse a tsweletse ka go diragatsa maikarabelo a one a go netefatsa gore batho ba ikobela molao, segolobogolo mabapi le go nna le dithunya tse di nang le tetla e e maleba.
Kgabagare, Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima ga se le tsibogele dipotso tse di rometsweng ke ba The Guardian Newspaper mabapi le seno.
taungdailynews@gmail.com