Mapodisi a kopa go batlisiwa monna o timetseng, Johannes Hallem


Ka OBAKENG MAJE

22 Diphalane 2026 – Mapodisi a Kimberley kwa porofenseng ya Kapa Bokone, ba kopa thuso ya setšhaba go batla Johannes Hallem (61), yo gape a itsegeng ka leina la Pampoen, yo a begilweng fa a timetse. Ka la 21 Lwetse 2026, Hallem o ne a itsise ba lelapa la gagwe kwa Greenside, Kimberley gore o ya kwa Jacobsdal, mme ga a ise a goroge kwa a neng a ya teng.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Warrant Officer Molefi Shemane are Hallem o ne a apere jase e ntsho e e nang le kapi, mme kwadilwe mafoko a a reng: “Douglas Netbal”, hutshe e e nang le moriti o o bulegileng, borokgwe jo botala le ditlhako tse dintsho. Shemane are ba ikuela go mongwe le mongwe yo o ka tswang a na le tshedimosetso e e ka thusang go bona Hallem go ikgolaganya le motlhankedi yo o eteletseng pele dipatlisiso, Sergeant Clive Moshotloa, mo nomorong ya 082 302 0407.

“Setšhaba se ka ikgolaganya le SAPS Crime Stop mo nomorong ya 08600 10111 kgotsa sa dirisa MySAPS App go neela mapodisi tshedimosetso. Baagi ba gopodiwa gore ga go na nako ya go leta pele ga go ka begwa motho yo o timetseng.

“O rotloeditse malapa go bega ka bonako fa mongwe wa one a timetse,” Shemane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.