NWK e bonesa disilo tsa yone ka mmala o mopinki go tshegetsa kgwedi ya tsiboso ka kankere ya letsele


Ka KEDIBONE MOLAETSI

22 Diphalane 2026 – NWK e bonesitse disilo tsa yone di le tlhano ka mmala o mopinki go tshegetsa letsholo la go lemosa setšhaba ka kankere ya letswele mo kgweding ya Diphalane 2026, e e itsegeng lefatshe ka bophara e le kgwedi ya tsiboso ka kankere ya letsele. Kgwedi ya Diphalane e tsewa e le kgwedi ya go rotloetsa temoso ka kankere ya letsele, go lemoga bolwetse jono go sa le gale le go tokafatsa phitlhelelo ya kalafi.

NWK e tsere tshwetso ya go tshegetsa letsholo leno ka go bonesa disilo tsa yone di le tlhano ka mmala o mopinki, e le sesupo sa tsholofelo, bopelokgale le kutlwano le batho ba ba tshelang ka kankere, ba ba fentseng bolwetse jono le malapa a bone. Letsholo leno le simolotse fa Suzanne Swanepoel, yo lelapa la gagwe le nang le polase mo kgaolong ya Koster, a ne a ikgolaganya le NWK morago ga go lemogiwa gore o na le kankere ya matswele oo mabedi dingwaga di le pedi tse di fetileng, a le dingwaga di le 38.

Swanepoel o ne a ikgolaganya le lebenkele la NWK la mo Koster, a kopa gore silo ya mo lefelong leo e bonesiwe ka mmala o mopinki go tshegetsa letsholo la kankere ya letsele. Setlamo ga se a ka sa dumela fela go tshegetsa maiteko ano, mme gape se ne sa itlama go duelela ditshenyegelo tsotlhe.

Mo godimo ga silo ya Koster, NWK e ne ya tsaya tshwetso ya go fetola mabone a disilo tse dingwe kwa Bodenstein, fa gare ga Coligny le Ventersdorp, Gerdau, Blaauwbank, fa gare ga Lichtenburg le Mahikeng, ga mmogo le Delareyville.

Motsamaisi wa ditirelo tsa disilo, mmogo le setlhopha sa batsamaisi ba disilo, baenjenere ba motlakase le badiri, ba ne ba fetola dikhurumelo tsa mabone ka go dirisa Perspex ya mmala o mopinki. Ba ne ba tshwanelwa ke go leta go fitlha bosigo gore ba kgone go baya mabone sentle.

Jaco Du Rand, mokaedi-khuduthamaga yo o rweleng maikarabelo a dithoto tsa temo kwa NWK, a re letsholo leno ke sesupo sa tsholofelo, bopelokgale le kutlwano le balwetse ba kankere, bafalodi ba bolwetse jono le baratiwa ba bone. Du Rand are NWK e dumela gore letsholo leno le tla gopotsa batho botlhokwa jwa go ema mmogo le go thusana.

“Mabone a mapinki ke bosupi jwa gore kwa morago ga go lemogiwa ga kankere go na le motho yo o lwantshang kgotsa a falotseng bolwetse jono, lelapa le kgang ya bopelokgale le boitshoko. Ka tiro eno, NWK e itlama go tsweletsa ngwao ya go tlhokomelana le go tshegetsana.

“Re ka dira gore tsholofelo e tswelele go phatsima fa re dira mmogo,” ga oketsa Du Rand.

Swanepoel o lebogile badiri ba lephata la mabenkele la NWK kwa Koster le baagi ba lefelo leo ka tshegetso e ba mo neileng yone. A re o ne a batla go dira sengwe se se tla bonwang ke setšhaba sotlhe, se se tla dirang gore batho ba eme nakwana mme ba gakologelwe gore go na le basadi le banna mo motseng wa bone ba ba lwantshang kankere, ba ba nang le tsholofelo e bile ba rapela letsatsi le letsatsi gore ba nne le nonofo ya go lebana le dikgwetlho tsa botshelo.

Swanepoel o okeditse ka gore o solofela gore disilo tse di bonesitsweng ka mmala o mopinki di tla nna matshwao a tsholofelo le dikgakololo tsa gore go nna le lesedi ka metlha, le fa motho a lebane le dinako tse di thata thata.

taungdailynews@gmail.com