
Ka KEDIBONE MOLAETSI
12 Diphalane 2026 – Bothati jwa Bosetšhaba jwa Botšhotšhisi (NPA) bo kgonne go netefatsa gore Ofentse Kotsedi wa dingwaga di le 36, o atlholelwa dingwaga di le 28 mo kgolegelong ka ntlha ya go bolaya mosadi yo a neng a ratana le ene. Kotsedi o bonwe molato ke Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Zeerust mabapi le polao go ya ka Karolo ya 51(1) ya Molao wa Phetolo ya Molao wa Bosenyi wa bo 105 wa 1997.
Sebueledi sa NPA mono Bone Bophirima, Lindiwe Mabasa are kgotlhatshekelo e utlwile gore ka la bo 29 Seetebosigo 2024, Kotsedi o ne a etela lekgarebe la gagwe, mme a mo fitlhela a ntse a baakanyetsa bana ba gagwe ba babedi dijo tsa maitseboa. Mabasa are o ne a mo kopa madi a go reka bojalwa, mme a galefa thata fa mosadi yoo a mmolelela gore ga a na madi.
“Kotsedi o ne a tlhasela mosadi yo setlhogo, ka go mo itaya thata. Mongwe wa bana o ne a bona se se diregang. O ne a mo tlogela ka dikgobalo tse di ile tsa lebisa kwa losong la gagwe.
“Fa go sekasekiwa katlholo, moemedi wa puso, Kagiso Modibedi, o ne a kopa kgotlatshekelo gore e mo atlholele kotlhao e e beilweng ke molao ya botshelo jotlhe mo kgolegelong,” Mabasa wa tlhalosa.
Mabasa are le fa kgotlatshekelo e ne ya fitlhela go na le mabaka a a botlhokwa le a a pateletsang a a neng a letla gore go fapogwe mo kotlhaong eo, e ne ya mo atlholela dingwaga di le 28 mo kgolegelong. Mabasa are mo godimo ga kotlhao ya kgolegelo, kgotlatshekelo e ne ya bolela gore Kotsedi ga a tshwanelwa ke go nna le tlhobolo.
“Gape, e laetse gore ba lelapa la moswi ba rerisiwe fa go ka sekasekiwa kopo ya gagwe ya go gololwa ka parole mo isagong,” ga rialo Mabasa.
Kgabagare, mokaedi wa Botšhotšhisi jwa Setšhaba kwa Lekaleng la Bokone Bophirima, Dr Rachel Makhari-Sekhaolelo o amogetse katlholo eno, a tlhalosa gore e romela molaetsa o o nonofileng wa gore tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le tirisodikgoka mo malapeng ga di kitla di letlelelwa.
“Boikemisetso jwa mokgatlho ono wa go sekisa ka natla melato ya tirisodikgoka e e diragalang mo malapeng le go netefatsa gore badirabosula ba rwala maikarabelo a ditiro tsa bone.
“NPA e tla tswelela go lwela tshiamiso le go sireletsa batho ba ba mo kotsing mo setšhabeng, segolobogolo basadi le bana,” Makhari wa tlhalosa.