Moeti o rotloetsa go abelwa ga barutwana ba basetsana mesangwana ya kgwedi


Ka OBAKENG MAJE

12 Diphalane 2026 – Baithuti ba basetsana ba Mophato wa 12 kwa sekolong se segolwane sa Bogosing kwa motseng wa Maphoitsile, ba abetswe mesangwana ya bomme ya go ya kgweding. Kabelano e, e dirilwe ke baithuti ba maloba ba sekolo seno.

Mongwe wa barulaganyi ba neelano eno, Mika Moeti yo e leng leloko la komiti ya ga meiyara kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, gape e le moeteledipele wa lekoko la sepolotiki la Action SA mono Taung, are ba dirile seno ka maikaelelo a go thusa baithuti ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng ba ba sa kgoneng go ithekela dilo tsa botlhokwa tsa boitekanelo. Moeti are ba simolotse letsholo leno ka gonne ba tlhaloganya mathata a baithuti ba ba tswang kwa malapeng a a sa itsholelang, mme batsadi kgotsa maloko a malapa a bona ba sa kgone go ba rekela mesangwana eo.

“Gompieno, re abetse baithuti ba basetsana ba Mophato wa 12 mesangwana ya kgwedi. Re dira seno ka gonne re tlhaloganya gore go na le baithuti ba ba humanegileng ba batsadi kgotsa bamalapa a bona ba ba sa kgoneng go ba rekela mesangwana e.

“Sesangwana e botlhokwa thata, mme re rata go leboga baithuti ba pele ba sekolo sa Bogosing ba ba nnileng le seabe mo moneelong ono,” Moeti wa tlhalosa.

Gape Moeti are ba tlile go abela baithuti ba basimane dilo tse ditlhapang, mmogo le didirisiwa tsa sekolo. Moeti are ba solofela gore porojeke eno e tla tswelela e le tiro e e dirwang ka metlha.

“Re solofela gore seno se tla tlisetsa baithuti ba le bantsi boitumelo le go ba rotloetsa go tswelela ka go tsena sekolo ntle le dikgoreletsi.

“Go abela baithuti ba basetsana ba ba nnang kwa magaeng mesengwana ya kgwedi go botlhokwa thata mo go lwantsheng lehuma le le pateletsang basetsana bangwe go sa ye sekolong ka nako ya bona fa ba le mo kgwedi,” Moeti wa tlhalosa.

Moeti are seno se tlile go sireletsa boitekanelo jwa bona le seriti. Moeti are kabelano e, e thusa basetsana go tswelela ba tsena sekolo.

“Go nna le mesangwana ya kgwedi go thusa go fokotsa go sa tsene sekolo, ka gonne basetsana bangwe mo metseng ya magaeng ba tlhola ba sa ye sekolong malatsi a le mmalwa kgwedi le kgwedi kgotsa ba tlogela sekolo gotlhelele ka ntlha ya go tlhoka madi a go reka dilo tsa boitekanelo.

“Go tsena sekolo ka metlha go thusa baithuti go sala dithuto morago, go falola dithuto tsa bona le go fitlhelela ditoro tsa bona tsa isago,” Moeti wa tlhalosa.

Moeti are go sireletsa boitekanelo le pabalesego go tlhoka mesangwana ya kgwedi go ka pateletsa basetsana go dirisa dilo tse di sa siamang le tse di sa phepafalang, tse di jaaka matsela a kgale, diponche kgotsa matlhare. Moeti are dilo tseno di ka baka mathata a boitekanelo le dikotsi tsa malwetse.

“Gape, go sa ye sekolong le go tlhoka dilo tsa botlhokwa go ka dira gore basetsana ba nne mo maemong a a ka ba bayang mo kotsing ya go sotliwa kgotsa go dirisiwa ka tsela e e sa siamang.

“Go nna le mesangwana ya kgwedi go thusa go fokotsa poifo, matshwenyego le ditlhong tse basetsana ba ka nnang le tsona ka ntlha ya go boifa gore diaparo tsa bona di ka leswafala kgotsa ba sotliwa ke ba bangwe,” Moeti wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.