
Ka BAKANG MOKOTO
12 Diphalane 2026 – Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa (SAPS) e simolola gompieno ditiragalo tsa bosetšhaba tsa pabalesego ka paka ya meletlo mo kgaolong ya Ehlanzeni, kwa Mpumalanga, fa paka ya meletlo ya kwa bokhutlong jwa ngwaga e ntse e atamela. SAPS e tlhalositse gore go simololwa ga ditiragalo tseno go tla etelelwa pele ke ditiro tsa paakanyetso tse di tla nnang karolo ya matsholo a a nonotshitsweng a sepodisi, ka maikaelelo a go oketsa go bonala ga mapodisi, go thibela le go lwantsha bosenyi, le go netefatsa polokesego ya baagi mo pakeng e e tlang ya meletlo.
Tonakgolo ya nakwana ya sepodisi, Firoz Cachalia, mmogo le motlatsatona wa Sepodisi, Dr Polly Boshielo le Cassel Mathale, ba solofetswe go etelela tiragalo eno pele.
Mokomeshenara wa Bosetšhaba wa nakwana wa sepodisi, Lieutenant General Puleng Dimpane, o tla tlhagisa le go neela semmuso Cachalia leano la tiragatso ya sepodisi go netefatsa polokesego ka paka ya meletlo. Dimpane are sepodisi se boletse gore ditiro tseno di ikaelela go netefatsa gore mapodisi a bonala thata mo metseng, go thibela ditiragalo tsa bosenyi le go tsaya dikgato kgatlhanong le bosenyi, gore baagi ba bolokesege ka paka ya meletlo.