Banna ba le bararo ba latofadiwa ka go utswa diruiwa di le 61


Ka REGINALD KANYANE

21 Lwetse 2026 – Banna ba le bararo ba dingwaga di le magareng ga 18 le 32, ba tshwere mabapi le ditatofatso tsa go utswa diruiwa di le 61 kwa motseng wa Khaukhwe, gaufi le Pudimoe. Go begwa fa ka kgwedi ya Lwetse e tlhola matsatsi a le 17, modisa a ne a tlhaselwa ke banna ba le bararo.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Constable Thuto Bobelo are mongwe wa bona go begwa fa a ne a tlhasela modisa ka garawe. Bobelo are modisa o, one a kgona go tshaba mme a itsise mong wa diruiwa tseo.

“Sepodisi se ile sa begelwa ka bonako. Go begwa fa motsamaisi wa seteishene sa sepodisi kwa Pudimoe, a ne a phutha balemirui ba ba leng karolo ya Stock Theft Information Centre (STIC), mme a kopa thuso go tswa kwa District Public Order Policing (POP).

“Dipatlisiso di ne tsa dira gore mapodisi a bone sejanaga sa Mahindra Bakkie se se tshweu, se seneng se belaelwa gore se dirisitswe mo bogodung jwa diruiwa tseo. Mongwe wa babelaelwa one a tshwarwa. Mapodisi a ne a dirisa leano la go ikgakanya jaaka batho ba ba tlileng go tsaya diruiwa,” Bobelo wa tlhalosa.

Bobelo are ba ne ba kgweetsa sejanaga seo go ya kwa lesakeng le le supilweng, kwa babelaelwa ba le babedi ba neng ba ba emetse go laisa diruiwa tseo. Bobelo are go begwa fa babelaelwa ba ne ba gakgamala fa mapodisi a tswa mo sejanageng seo, mme ba ba tshwara.

“Palogotlhe ya diruiwa di le 61, tse di akaretsang dipudi di le 46 le dinku di le 15, di ne tsa bonwa gape mme tsa busediwa kwa go mong wa tsone. Mapodisi gape a ne a gapa buka ya ditlankana tsa diruiwa le megala ya letheka, tse di tla thusang mo dipatlisisong.

“Babelaelwa ba lebane le melato ya bogodu jwa diruiwa le go nna le diruiwa tse go belaelwang gore di utswitswe. Ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno,” Bobelo wa tlhalosa.

Bobelo are dipatlisiso di tsweletse, mme go na le dikgonagalo tsa go oketsa molato. Bobelo are kgetsi eno ke ya bobedi ya bogodu jwa diruiwa e e begilweng kwa lefelong le le tshwanang mo nakong e khutshwane.

“Mo kgetsing ya ntlha e e diragetseng ka di 8 Lwetse 2026, mapodisi a ne a dirisa drone mo patlisisong, mme ga bonwa gape diruiwa di le 57, tse di neng di akaretsa dipudi di le 42 le dinku di le 15.

“Dikgetsi tse pedi tseno di bontsha botlhokwa jwa go bega ka bonako, tirisanommogo fa gare ga mapodisi le setšhaba, le tiriso ya thekenoloji e e leng teng go lwantsha bogodu jwa diruiwa,” ga rialo Bobelo.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwerwe morago ga go kgweetsa sejanaga se se utswitsweng


Setshwantsho: Sejanaga se se utswitsweng

Ka OBAKENG MAJE

21 Lwetse 2026 – Monna wa dingwaga di le 29 o tshwerwe kwa Klerkskraal morago ga go latofadiwa ka go kgweetsa sejanaga se go begwang fa sene se utswilwe. Go begwa fa sepodisi le ditheo tse dingwe tsa tshireletso di kgone go bona gape bakkie e tshweu ya Isuzu e e utswitsweng e e phopholediwang go nna ya boleng jwa R380 000.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Constable Thuto Bobelo are go begwa fa tiragalo eno, e diragetse ka di 18 Lwetse 2026, morago ga gore North West Crime Intelligence Provincial Overt Team e amogele tshedimosetso mabapi le sejanaga sa bakkie se se neng se belaelwa fa se utswitswe. Bobelo are tshedimosetso e ne ya supa gore bakkie ya Isuzu single-cab e tshweu, e ne e tswa kwa porofensneg ya Kapa Bokone, mme e lebile kwa porofenseng Gauteng.

“Sejanaga seo, se ne se feta kwa toropong ya Ventersdorp, mme tshedimosetso eo, e ne ya dira gore go tlhongwe letsholo-patlo le le kopanetsweng ke sepodisi go akaretsa North West Crime Intelligence Provincial Overt Team, Klerkskraal Police Station, Dr Kenneth Kaunda Flying Squad, Gauteng West Rand Flying Squad, BSO Tactical le dikhamphani tsa tshireletso tsa SAPIS/Syntell E2.

“Maloko a Crime Intelligence ka thuso ya thekenoloji ya SAPIS/Syntell E2 le BSO Security, a tsweletse go sala morago motsamao wa bakkie eo. Tshedimosetso e nngwe e ne ya supa gore sejanaga seo, se ne se lebile kwa Ventersdorp morago ga go tsena mo porofenseng go tswa kwa Kapa Bokone mo diureng tsa ntlha tsa Labotlhano,” Bobelo a tlhalosa.

Bobelo are tshedimosetso eno, e ne ya abelanwa ka bonako le maloko a a neng a le mo tirong, mme sepodisi sa Klerkskraal le Ventersdorp, Dr Kenneth Kaunda Flying Squad le Gauteng West Rand Flying Squad, ba ne ba tsenngwa mo tirong. Bobelo are bakkie eno, ene ya thibelwa mme ya emisiwa kwa Klerkskraal.

“Dipatlisiso di ne tsa netefatsa gore Isuzu eo e ne e begilwe e utswitswe kwa Lwandle Police Station kwa Kapa Bokone. Monna wa dingwaga di le 29 o tshwerwe, mme o lebane le molato wa go kgweetsa sejanaga se se utswitsweng. O solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ventersdorp ka di 21 Lwetse 2026.

“Katlego ya tiro eno e bontsha botlhokwa jwa go abelana tshedimosetso le tirisanommogo fa gare ga ditheo tse di farologaneng tsa molao le tshireletso. Tirisanommogo fa gare ga ditlhopha tsa mapodisi, ditheo tsa molao le dikhamphani tsa tshireletso, e nnile botlhokwa mo go boneng sejanaga se se utswitsweng gape le go tshwareng motho yo o belaelwang,” ga rialo Bobelo.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa porofensne ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams, o akgotse ditlhopha tsotlhe tse di nnileng le seabe mo tirong eno ka ntlha ya tirisanommogo ya tsone.

taungdailynews@gmail.com

SA’s post-school education system faces R59 billion in outstanding debt


Picture: NWU students leaving Mafikeng campus/Generic

By STAFF REPORTER

21 September 2026 – The Senior Deputy Vice-Chancellor for Teaching and Learning at the North West University (NWU), Prof Linda du Plessis said the protest is a democratic right, but violence and intimidation threaten the very student success activists seek to protect. Du Plessis said South Africa’s post-school education system faces R59 billion in outstanding debt, placing both students and universities under immense pressure.

She further said universities cannot remain sustainable if unpaid fees accumulate indefinitely, but indebted students must be treated with compassion. Du Plessis added that no student should be forced to join a shutdown or prevented from exercising their right to learn.

“The true power of student activism lies not in bringing universities to a standstill, but in moving society towards a fairer future. A decade ago, South Africa was confronted with the largest wave of student-led protest since apartheid: #FeesMustFall.

“Ten years later, we are still grappling with the same burning questions: How do we protect students’ right to protest while also protecting their rights to learn and to be safe? And how do we provide a sustainable financial-support model for higher education?” she said.

Du Plessis said universities and the government cannot suppress legitimate dissent. She said neither can they accept violence, intimidation and destruction as legitimate features of student activism.

“#FeesMustFall helped accelerate increased financial support for poor and working-class students. However, its hasty implementation and subsequent governance failures created a new set of challenges, leaving both students and universities vulnerable. The funding crisis remains clearly visible: total outstanding debt across the post-school education system now stands at R59 billion.

“It is widely claimed that universities withhold qualifications because of outstanding payments, leaving graduates unable to apply for jobs. This is misleading. At the North West University (NWU), students receive their academic transcripts and prospective employers can request confirmation that a qualification has been awarded,” said du Plessis.

She said in October 2025, the University of the Free State (UFS) suspended all academic activities following student protests relating to the introduction of what the university described as a fairer, more equitable and sustainable financial-support system. Du Plessis said recent events at the Cape Peninsula University of Technology (CPUT), demonstrate how quickly legitimate grievances can develop into a wider crisis.

“Students raised concerns about deteriorating residences, financial pressures, withheld certificates and a proposed financial-recovery plan that included upfront academic and residence payments. The university council withdrew the draft plan to allow for further consultation.

“Reports on these events also described burning tyres, blocked roads, stones allegedly being thrown at vehicles and damage to infrastructure. Academic activities were suspended, students were instructed to leave their residences, and surrounding communities were also affected,” she said.

Du Plessis said they should not confuse the legitimacy of a grievance with the legitimacy of destructive actions carried out in its name. She said violence risks weakening the very causes those students are seeking to highlight.

“When campuses close to reduce safety risks, academic risks increase, and valuable teaching and learning time is lost. Whose responsibility, then, is it to protect students’ academic futures? The solution lies in shared, but never blurred, accountability.

“Universities must provide accessible and responsive channels through which students can raise concerns. They must explain the reasons for difficult decisions and consult before significant changes are introduced. Government and funding agencies must provide adequate funding opportunities, reliable payment systems and transparent accountability,” said du Plessis.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwerwe morago ga go thopiwa ga mosimane


Setshwantsho-papiso- Sethunya se se gapilweng ke sepodisi

Ka BAKANG MOKOTO

21 Lwetse 2026 – Sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, se tshwere monna wa dingwaga di le 36, morago ga go amogela pegelo ya botlhodi mabapi le go thopiwa ga motho ka sethunya kwa Mmakau. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka di 16 Lwetse 2026, gaufi le sekolo sengwe sa mo lefelong leo, mme e ne e ama mosimane wa dingwaga di le 16.

Sebueledi sa sepodisi mono porofensneg ya Bokone Bophirima, Constable Thuto Bobelo o tlhalositse gore molatofadiwa, Tladi Paul Mogoera, one a ya kwa ga nkokoagwe mosimane, mme a mo fitlhela a le nosi, mme a mmotsa ka mogala wa letheka o a neng a dumela fa o tshotswe ke setlogolo sa gagwe kwa sekolong. Bobelo are go begwa fa molatofadiwa a ne a ntsha sethunya, a se baya mo tafoleng mme a tshosetsa mosadimogolo gore o tla mo thunya fa a ka kopa thuso.

“Fa mosimane wa dingwaga di le 16 a goroga kwa gabo, one a fitlhela Mogoera. Go begwa fa Mogoera a ne a mo latofatsa ka go utswa mogala wa letheka wa gagwe. Fa mosimane a ganetsa gore o itse sengwe ka one, go begwa fa Mogoera a ne a mo thopa ka dikgoka.

“Go begwa fa molatofadiwa a ne a mo thopa diura di se kae, pele ga a ka mo busetse kwa gabo a na le dintho tsa go tlhaselwa. Go begwa fa molatofadiwa, a ne a boa gape lekgetlho la bobedi, mme a thopa motswasetlhabelo gape,” Bobelo wa tlhalosa.

Bobelo are go begwa fa a ne a mo pateletsa go taboga fa a ntse a mo lelekisa ka sethuthuthu. Bobelo are motswasetlhabelo one a thopiwa ka dikgoka gape le go shupiwa ka sethunya.

“Go begwa fa motswasetlhabelo a ne a patelediwa go ipobola gore ke ene a tshotseng mogala wa letheka wa ga Mogoera. Morago ga gore kgang e e begwe kwa sepodising, batlhankedi ba sepodisi ba uniti ya Brits Crime Intelligence, Brits Trio Task Team le ba batlisisi kwa Mmakau, ba ne ba dira mmogo go bona kwa Mogoera a leng teng.

“Tshedimosetso e ne ya dirisiwa mo tirong ya go batla mmelaelwa, mme one a tshwarwa kwa Mmakau ka Laboraro thapama, 16 Lwetse 2026. Mo tirong eo, mapodisi a ne a tsaya sethunya se sentsho se se thunyang dikulo tse di se nang kgapetla (blank-firing firearm) le lerumo le le lengwe le sle senang kgapetla, tse di tla dirisiwang jaaka bosupi mo dipatlisisong,” Bobelo wa tlhalosa.

Are mosimane wa dingwaga di le 16 one a newa kalafi ya bongaka. Bobelo are Mogoera one a tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Brits ka di 18 Lwetse 2026, a lebane le melato e e amanang le go thopa motho, go shupa motho ka sethunya le tlhaselo.

“O golotswe ka beile ya R1000, mme o solofetswe go boela kwa kgotlatshekelo eo ka di 22 Diphalane 2026. Dipatlisiso di tsweletse, mme melato e mengwe e ka okediwa fa go ka bonala boshupi jo bongwe.

“Re rotloetsa baagi go bega ditiro tse di belaetsang kwa sepodiseng, mme ba letle molao go tsaya karolo. Re kgothaletsa baagi go bega ditiro dingwe le dingwe tse di belaetsang kwa sepodiseng le go letla molao go tsaya karolo,” Bobelo wa tlhalosa.

Are go itseela molao mo matsogong ke tlolo-molao, mme ba rotloetsa mongwe le mongwe go dira mmogo le sepodisi go netefatsa pabalesego ya baagi.

taungdailynews@gmail.com

Amajita eyeing Angola scalp in the COSAFA Cup


Picture: Amajita players

By KEDIBONE MOLAETSI

21 September 2026 – The South African U20 Men’s National team looks to continue with the winning momentum when they take on Angola in the second match of Group B in the CAF U20 Men’s Africa Cup of Nations COSAFA qualifiers currently underway in Mozambique. The two nations face off on 21 September 2026, at the ABB 1 Stadium in Matola with a 3pm kick-off.

Both countries came into the fixture on the back of convincing victories in their opening games of the tournament. South Africa brushed aside a spirited Lesotho 3-0 while Angola emerged triumphant in a 4-0 win over Eswatini.

Angola is top of the group due to goal difference.

Amajita Head Coach Raymond Mdaka said from what they have observed, Angola is the strongest team in their group. Mdaka said as today is Match Day-1, they went back to view the match against Lesotho and see where they could improve and judging from the few minutes of today’s training session, the boys look sharp.

“If we take our chances against Angola we will do better. This is a game we must win to progress to the semi-finals. However, we know they are a good team and we need to brace ourselves for a tough match.

“Amajita has been further boosted by the arrival of the duo of Emile Witbooi and Cayden Fortune, who were unavailable against the Mountain Kingdom side due to club commitments. Their arrival brings the squad number to 23,” he said.

This means that Mdaka and his technical team have a full complement of players to choose from for the rest of the tournament. He further said they all know they have been part of the team from the word go, but just a few logistics they had to sort out and hopefully they will give him a plus in terms of the balance of the team.

“We know what Witbooi can do and just a little worry about the travelling, the rest after playing (for his club), but I think the few minutes that they will give us hopefully will be something different or added value to what we did against Lesotho,” added Mdaka.

Eswatini will face Lesotho in the other Group B match.

taungdailynews@gmail.com

Babelaelwa ba le robedi ba tshwerwe


Setshwantsho: Babelaelwa ba tshwerwe ka dithunya

Ka REGINALD KANYANE

21 Lwetse 2026 – Sepodisi mono Bokone Bophirima se tshwere babelaelwa ba le babedi ba dingwaga di le 26 le 38, mabapi le bogodu jwa kgwebo kwa Rustenburg. Go begwa fa sepodisi se amogetse tshedimosetso mo mosong wa Labone, 17 Lwetse 2026, gore setlhopha sa babelaelwa ba ba neng ba tsamaya ka Volkswagen Polo e e mmala wa boronse le Chevrolet e e mmala wa selefera, se ne se rulaganya go dira bogodu jwa kgwebo ka dibetsa kwa Rustenburg East.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Constable Thuto Bobelo are morago ga gore tshedimosetso e amogelwe, maloko a sepodisi a thibeleng bosenyi jwa digongwana (Provincial Anti-Gang Unit), Uniti ya sepodisi sa babatlisisi mo porofenseneg (Provincial Tracking Team), Lephata la botlhodi kwa Rustenburg (Rustenburg Crime Intelligence), ga mmogo le Rustenburg Visible Policing le Provincial Crime Intelligence Overt Operations, ba ne ba phuthega, mme ba romelwa kwa lefelong le le supilweng.

Bobelo are dijanaga di le pedi tse di neng di tsamaisana le tlhaloso e e neilweng ke motswedi wa tshedimosetso, di ne tsa bonwa ke mapodisi.

“Batlhankela ba sepodisi ba ne ba atamela babelaelwa le go ikitsise. Fela, go begwa fa babelaelwa ba, ba ne ba ntsha dithunya, mme ba tsimolola go thunya mapodisi. Mapodisi le one a ne a ntsha dithunya go arabela kotsi e e neng e le teng, mme a kgona go laola seemo.

“Babelaelwa ba le robedi ba ne ba tshwarwa. Ba le bararo ba ne ba gobala, mme ba isiwa kwa bookelong jwa selegae. Babelaelwa bao, ba mo tlhokomelong ya sepodisi go fitlha ga jaana. Dijanaga di le pedi tsa mapodisi tse di sa tshwaiwang di ne tsa senyega mo tiragalong eo,” Bobelo wa tlhalosa.

Bobelo are go ne ga gapiwa dilo tse di farologaneng tse di akaretsang Volkswagen Polo, dipistolo di le tharo, sethunya se le sengwe sa rifle, dikulo tsa mefuta e e farologaneng, Chevrolet le megala ya letheka. Bobelo are babelaelwa ba, ba lebagane le melato e e akaretsang go rulaganya go dira bogodu jwa kgwebo, melato e le robedi ya go leka go bolaya morago ga go thuntsana le mapodisi, go nna le dithunya le dikulo tse di se nang laesense, go senya dithoto ka bomo le go kgoreletsa tsamaiso ya bosiamisi.

“Babelaelwa ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Rustenburg ka 21 Lwetse 2026,” Bobelo wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mono porofensneg ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams, o akgotse bopelokgale, tirisanommogo le kgolagano ya ditlhopha tsotlhe tse di nnileng le seabe mo tirong eno, go akaretsa Rustenburg Visible Policing, Detective Branch, Local Criminal Record Centre, Vehicle Crime Investigation Unit, Provincial Investigation Unit le Emergency and Medical Rescue Services.

Adams are lebaka la gore maloko a bona a ne a thuntshiwa ka nako ya kgwedi ya tshireletsego ya mapodisi fa ba ntse ba dira tiro ya bone, ke kgopotso e e masisi ya dikotsi tse mapodisi a lebanang le tsone fa ba sireletsa baagi. Adams are ga ba kitla ba letla disenyi go tshosetsa kgotsa go tlhasela maloko a bone.

“Tsibogo e e bonako le e e rulagantsweng sentle ya ditlhopha tsa rona, e thibetse se se neng se ka nna bogodu jo bogolo jwa kgwebo, mme ya felela ka go tshwarwa ga babelaelwa botlhe ba le robedi,” ga rialo Adams.

taungdailynews@gmail.com

Sepodisi ga se se ntshe ditshwantsho tsa babelaelwa ba kwa Ekurhuleni


Ka OBAKENG MAJE

21 Lwetse 2026 – Sepodisi sa Afrika Borwa se ikuela go setšhaba go se phatlhalatse kgotsa go abelana ka ditshwantsho tsa batho ba ba belaelwang gore ba amana le dipolao tsa basadi kwa Ekurhuleni, Gauteng. Sepodisi se tlhalositse fa se ise se ntshe setshwantsho kgotsa ditshwantsho tsa batho ba ba belaelwang.   

Sebueledi sa sepodisi sa bosetshaba, Brigadier Athlenda Mathe are sepodisi se ikuela go baagi go se phasalatse tshedimosetso e e sa netefadiwang ka gonne seno se ka dira gore batho ba ba senang molato ba shupiwe ka phoso, mme ba feleletse ba bogisiwa kgotsa ba tlhasetswe.

“Baagi ba tsibosiwa kgatlhanong le seo, gonne seno se ka feleletsa se tsentse matshelo a batho ba ba senang molato mo kotsing. Sepodisi se tla dira kitsiso ya semmuso fa mmelaelwa kgotsa babelaelwa ba tlhomamisiwa le fa thuso ya setšhaba e tlhokega.

“Sepodisi se netefaletsa setšhaba gore se tsweletse ka dipatlisiso tsa dikgetsi tseno, mme se latela tshedimosetso nngwe le nngwe e e ka thusang babatlisisi go tlhomamisa maemo a a dikologileng dipolao le go shupa ba ba molato le go ba rwesa maikarabelo,” ga rialo Mathe.

Mathe o kopile baagi gore ba ikaege fela ka tshedimosetso e e ntshiwang ke metswedi ya semmuso ya sepodisi, mme ba bege tshedimosetso nngwe le nngwe e e ka thusang dipatlisiso kwa sepodiseng.

taungdailynews@gmail.com

Moithuti o latofadiwa ka go tlhaba motlatsa-mogokgo ka thiba kwa sekolong se segolwane sa Mammutla


Ka OBAKENG MAJE

17 Lwetse 2026 – Motlatsa-mogokgo kwa sekolong se segolwane sa Mammutla kwa motseng wa Kameelputs, o tlogetswe a phokga-phokga madi morago ga dipego tsa go tlhabiwa ke morutabana. Go begwa fa moithuti wa dingwaga di le 17, a tlhabile motlatsa-mogoko, Kagiso Dintwe ka thipa mo letsogong mo letsatsing la Labobedi kwa sekolong morago ga kgakgauthano.

Go ya ka dipego, baithuti ba le bararo ba baneng ba beetswe-thoko nakwana kwa sekolong, ba ile ba itelekela ka dikago tsa sekolo, le go ya kwa diphaphosing tsa bone tsa borutelo. Fela, go begwa fa motlatsa-mogokgo a ile a ba latela le go ba kopa gore ba tswe ka dikago tsa sekolo.

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane, mme mongwe wa baithuti wa dingwaga di le 17, one a tlala bogale le go kgorogela motlatsa-mogokgo o. Go begwa fa a ile a ntsha thiba le go mo tlhaba mo letsogong.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen o tlhalositse fa go butswe kgetsi ya go teketa ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo kwa seteisheneng sa sepodisi sa Kgomotso. Van Rooyen are ga go ise go tshwarwe ope go fitlha ga jaana.

“Dipatlisiso di tsweletse, mme mmelaelwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatsekelo fa dipatlisiso di konoseditswe le fa go setse go buisanwe le motlhankedi wa tsa kgopololo,” van Rooyen wa tlhalosa.

Go begwa fa sekolo se kuile kopano ya batsadi le baithuti mo letsatsing la Labotlhano go ya go buisanelwa ka maitsholo a baithuti bangwe a a makgasa.

Kgabagare, Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, ga ise le tsiboge mabapi le kgang e.   

taungdailynews@gmail.com

Municipal Legal Manager facing suspension for gross dishonesty 


By OBAKENG MAJE 

17 September 2026 – The Greater Taung Local Municipality (GTLM) has sent out a notice of an intention to place its legal manager, Lindokuhle Perseverance Shiba on a precautionary suspension. This comes after the startling revelation by The Guardian Newspaper, that Shiba who was appointed by the municipality two months ago, was actually struck off the roll as the legal practitioner by the Legal Practice Council. 

The embattled Shiba is accused of stealing Road Accident Fund (RAF) money estimated to the tune of R3 million from his clients. This allegedly prompted his clients to file a formal complaint of professional misconduct and trust account theft with the Legal Practice Council. On 23 July 2026, the Free State High Court ordered that Shiba be struck from the roll of legal practitioners. 

“The respondent shall immediately surrender and deliver to the Director/ acting Director/ nominee of the applicant of the Free State Provincial Legal Council his certificate of enrolment as a legal practitioner of the Honourable Court.

“In the event of the respondent failing to comply with the previous paragraph of this order, the sheriff be and authorised and directed to take possession of the certificate and to hand it to the registrar of this Honourable Court,” the court said. 

The court further said the respondent is prohibited from handling or operating on his/her accounts as detailed in paragraph 6 thereof. It said the Director/acting Director/ Nominee of the applicant Free State Provincial Legal Council is appointed as the Curator Bonis to administer and control the trust accounts of the respondent and any accounts relating to insolvent and deceased estates and any deceased estate and any estate under Curatorship connected with the respondent’s practice as attorney. The court added that this includes also the separate banking accounts opened and kept by the respondent at a bank in the Republic of South Africa in terms of Section 86 (1) of the LPA and/or any separate savings or interest-bearing accounts as contemplated by Section 86 (3) and/or Section 86 (4) of the LPA in which monies from such trust banking accounts have been hereafter referred to as “the trust accounts”), with the powers and duties. 

Meanwhile, the Greater Taung Local Municipality (GTLM) spokesperson, Ricky Oliphant said: “Shiba has not yet been suspended. The municipality has issued a letter of intention to suspend, which the manager in question has responded to. The process to suspend is being finalised.

“He is being charged with gross dishonesty. The dates will be set once the investigating team has been established. The municipality has written to the Head of Department (HoD), Dr Ben Bole to request use of experts in the department for investigation. We are awaiting the response.”

Oliphant said Shiba will be suspended with full pay in line with municipal policies. He said vetting of Shiba was done in accordance with municipal policies and was based on criminal record, qualifications verification and reference checks.

 “The Municipal Manager and Council have not determined that they were misled on the matter,” said Oliphant.

taungdailynews@gmail.com

Police refutes reports that “Kempton Park Serial Killer” relocated to Potchefstroom


By KEDIBONE MOLAETSI

16 September 2026 – The police in the North West has noted a message circulating on social media alleging that a suspect described as the “Kempton Park Serial Killer” has relocated to Potchefstroom and that an extensive police operation has been launched in the city. The police said the public is urged not to treat this circulating message as an official SAPS alert unless and until it is confirmed through SAPS communication channels.

The North West police spokesperson, Colonel Adele Myburgh said at this stage, the police in Potchefstroom have not found an official report or complaint confirming the specific claims contained in the circulating message, including the alleged relocation of a suspect to Potchefstroom, the alleged incident near the Bult, the description of the suspect, or claims regarding a mobile command centre, drones and specialised units. Myburgh said the police in the North West is, however, aware of the serious investigations currently taking place in the Kempton Park area.

“Recent official police communication confirms that investigations into the deaths of women in Kempton Park are continuing. This does not, on its own, establish that a suspect connected to those investigations has relocated to Potchefstroom,” she said.

Meanwhile, the acting North West Police Commissioner, Major General Ryno Naidoo, appeals to members of the community to remain calm, vigilant and responsible when sharing information. Naidoo said the police understand the concern that a message of this nature can cause, particularly among residents and students.

“We appeal to the community not to spread unverified information or create unnecessary panic, because any genuine operational development or public safety warning will be communicated through official SAPS channels.

“Members of the public are nevertheless encouraged to observe sensible personal-safety precautions, particularly after dark. SAPS safety guidance includes avoiding walking alone where possible, using well lit areas and remaining aware of one’s surroundings,” he said.

Naidoo further said the residents and businesses who may have information relating to an actual criminal incident should report it to the police rather than attempting to investigate or confront any person themselves. He added that in case of emergency or reporting crime, contact 10111 or your local police station, while Crime Stop 08600 10111 can be used to provide information about criminal activity.

“The public is further reminded that false or misleading information circulated through social media can cause unnecessary fear and divert police resources. SAPS has previously warned communities about the consequences of circulating unverified police related information.

“Members of the public are encouraged to obtain police information directly from official SAPS communication platforms and to verify alarming messages before forwarding them,” he said.

taungdailynews@gmail.com