
Ka OBAKENG MAJE
18 Phatwe 2026 – Mokgweetsi (30) wa sejanaga sa modiri wa Polo Volkswagen o letse a rwaletswe kwa bookelong jwa selegae morago ga go bona dikgobalo. Go begwa fa mokgweetsi o, a latlhegetswe ke taolo ya sejanaga mo tseleng e gaufi le Masimo kwa Extension 6, gaufi le Taung mo bosigong jwa maabane.
Go ya ka dipego, mokgweetsi o, o ne a sega tsebe sejanaga sengwe ka motsi wa tiragalo e, mme a thula setlhare.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mokgweetsi, a ne a le mongwe mo sejanageng. Van Rooyen are mokgweetsi o ile a itemogela dikgobalo le go rwalelwa kwa bookelong go bona thuso ya potlako.