Legata la motho le bonwe kwa nageng


Ka OBAKENG MAJE

16 Phatwe 2026 – Sepodisi sa kwa Ganyesa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore go bonwe legata la motho kwa nageng kwa Phelandaba Section, kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa ka letsatsi la Tshipi.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are sepodisi se ile sa amogela tshedimosetso mabapi le legata la motho le le bonweng kwa nageng. Magakoe are sepodisi se ile sa itelekela kwa lefelong leo, mme ba ile ba tsaya legata leo, le go le isa kwa mmoshareng wa puso.

“Go tlile go diriwa ditlhatlhobo mo legateng leo, le go netefatsa bong jwa lone. Go tla batlisisiwa le gore ke la ga mang, fela go fitlha ga jaana, tshedimosetso eo ga e se e netefadiwe.

“Ga nkitla re itshela moriti o tsididi mabapi le dikgonagalo tsa polao. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Fela dipatlisiso tsa go netefatsa sebakwa sa loso di tsweletse,” Magakoe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Pudimoe o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa go thuntsha phatlhalatsa le go tsholo sethunya se se seng mo molaong


Ka OBAKENG MAJE

16 Phatwe 2026 – Monna wa dingwaga di le 46, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go thuntsa mo phatlhalatseng le go tshola sethunya se se seng mo molaong. Go begwa fa mmelaelwa o, a ile a tshosetsa bahiri (tenants) ba gagwe kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung ka Lamatlhatso bosigo.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are mmelaelwa o tlile go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung ka Mosupulogo. Magakoe are dipatlisiso di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tlhokofetse morago ga go nwela mo metsing kwa Mokgareng


Ka OBAKENG MAJE

16 Phatwe 2026 – Monna wa dingwaga di le 48 o tlhokafetse morago ga go nwela mo metsing kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung. Go begwa fa tiragalo e, e le ya Lamatlhatso.

Sebueledi sa Sepodisi mono porofense ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela monna o, a nwetse mo molapong. Magakoe are kgetsi ya morago ga loso e butswe.

“Dipatlisiso tsa go sa le gale di shupa fa monna o, a tlhokofetse morago ga go nwela mo metsing. Dipatlisiso tsa morago ga loso di tsweletse,” Magakoe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com