
Ka OBAKENG MAJE
16 Phatwe 2026 – Sepodisi sa kwa Ganyesa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore go bonwe legata la motho kwa nageng kwa Phelandaba Section, kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa ka letsatsi la Tshipi.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are sepodisi se ile sa amogela tshedimosetso mabapi le legata la motho le le bonweng kwa nageng. Magakoe are sepodisi se ile sa itelekela kwa lefelong leo, mme ba ile ba tsaya legata leo, le go le isa kwa mmoshareng wa puso.
“Go tlile go diriwa ditlhatlhobo mo legateng leo, le go netefatsa bong jwa lone. Go tla batlisisiwa le gore ke la ga mang, fela go fitlha ga jaana, tshedimosetso eo ga e se e netefadiwe.
“Ga nkitla re itshela moriti o tsididi mabapi le dikgonagalo tsa polao. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Fela dipatlisiso tsa go netefatsa sebakwa sa loso di tsweletse,” Magakoe wa tlhalosa.