Mosadi o shetse mo mokhukhung kwa Matolong


Setshwantsho-papiso: Mosadi o shetse mo mokhukhung kwa Matolong

Ka REGINALD KANYANE

11 Phatwe 2026 – Mosadi wa dingwaga di le 43 o tlhokafetse morago ga go shela mo mokhukhung kwa motseng wa Matolong, gaufi le Taung. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka letsatsi la Tshipi bosigo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi se ile sa itsisiwe ka ga motho o shetseng mo mokhukhung kwa tulong eo, mme ba tabogela teng. Van Rooyen are sepodisi se ile sa fitlhela batlhankela ba ditima-molelo ba setse ba le kwa lefelong la tiragalo le go leka go tima molelo o.

“Dipatlisiso di tsweletse mabapi le tiragalo e, mme di tla shupa gore sebakwa sa molelo ke eng,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.