Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le morutabana e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

31 Diphalane 2026 – Kgetsi petelelo kgatlhanong le Kabelo Temba (59), yo e leng morutabana kwa sekolong se se potlana sa Busisiwe, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Protea go fitlha ka di 3 Ngwanatsele 2026, gore a dire kopo ya semmuso ya beile. Kgetsi e, e buseditswe morago ga gore mmueledi wa molatofadiwa a kope nakonyana go buisana le Temba.

Temba o ile a thapa mmueledi yo mosha. Temba o latofadiwa ka go betelela moithuti wa dingwaga di le 8 mo mantlwaneng a boithusetso kwa sekolo ka di 6 Diphalane 2026.

Sebueledi sa bosekisi sa NPA kwa Gauteng, Magaboke Mohlatlole are go begwa fa moithuti o, a ne a bolelela mmaagwe ka tiragalo eo mo letsatsing lona leo, mme tiragalo e, e ne ya begwa kwa sepodising ka di 10 Diphalane 2026. Mohlatlole are Temba o ne a ineela kwa sepodising ka di 21 Diphalane 2026, mme morago ga moo a tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo.

“NPA e tla nna kgatlhanong le kopo eo ya beile, ka ntlha ya bomasisi jwa molato o. Go begwa fa ngwana a le mo seemong se se bokoa. Re batla go gatelela gore NPA e sa ntse e ikemiseditse go netefatsa gore melato e e amanang le ditlolomolao tsa thobalano kgatlhanong le bana e sekisiwe ka botswerere.

“NPA e ikemiseditse gape go netefatsa gore ditshwanelo le dikgatlhego tsa batswasetlhabelo ba ba mo maemong a a bokoa di a emelwa ka tshwanelo mo tsamaisong yotlhe ya tshiamiso ya bosenyi,” ga rialo Mohlatlole.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.