Molopo Game Reserve ke lefelo la Bojanala le le iphitlhileng


Setshwantsho: Molopo Game Reserve

Ka OBAKENG MAJE

10 Diphalane 2026 – Molopo Game Reserve ke lefelo la Bojanala le le iphithileng la Kalahari (hidden Kalahari gem) le le nang le bogolo jwa dihektare tse 24 000. Lefelo le, le ikgethile, mme le tlhamilwe ka ngwaga wa 1987.

Lefelo le, le fitlhelwa kwa karolong e e kgakala ya bophirima jwa porofense ya Bokone Bophirima, mono Afrika Borwa go bapa le molelwane wa naga ya Botswana. Lefelo le, le bokgakala jwa dikilomitara di le 250 go tswa kwa toropong ya Vryburg.

Ko lefelong le, ga gona diphologolo tse di tlhaga jaaka bo tau, ditshukudu le tse dingwe, ke ka moo bajanala ba letleletsweng go tsamaya ka dinao (walking is permitted), mm eke selo se se sa tlwaelesegang kwa mafelong a mangwe a diphologolo. Se, se fana ka boitumediso jo bo iketlileng, ebile bo amana thata le tlhago.

Bajanala ba ka itumelela lefelo le, gonne le tletse ka dithaba tsa mmu o mohibidu wa Kalahari, bojang jwa mofuta wa bushman, le naga e e omileng ya savannah (arid savannah). Gape, o ka fitlhela mofelelo wa noka ya bogologolo e e omileng ya Phepane (fossilised Phepane River bed) e e kgatlhang go e bona.

Gape, go na le diphologolo di tshwana le matshope a magolo a di-eland, gemsbok, blue wildebeest, kudu, ditshepe (springbok), red hartebeest, dikgokong (zebras), le dithutlwa. Diphologolo tse di jang tse dingwe di akaretsa matshwega (cheetah), diphiri tse dinkwe (brown hyena), caracal, le dikatse tsa naga.

Go na le mefuta e e fetang 120 ya dinonyane, mm eke legae le le siameng go bona dinkodi tse di farologaneng (raptors), di-martial eagle, le mefuta ya manong. O ka kgabaganya naga ka maoto go batla dinonyane le go bona diphologolo ka tsela e e babalesegileng.

Le fa go letleletswe go tsamaya ka maoto, go na le ditsela tse di siametseng dijanaga tsa 4×4 kapa 4×2 (tse di nang le diff-lock) go dikologa madiba a metsi a a dirilweng ka diatla. Lefelo le, le na le lebala la go kampa la Phiri Camp le le farologaneng, le le fanang ka boitumediso jwa mofuta wa “bush camping” bo bo kgethegileng.

Lefelo leo le na le mantlwana-boithusetso tse di feletseng. Motse o o gaufi thata le lefelo leno, o o mo pelong ya Kalahari Borwa, ke Vostershoop, o o bokgakala jwa dikilometara di le supa.

Bangwe ba baagi, ba re lefelo le le ka tsosolosa ikonomi ya bone fa lefelo le, le ka rekisiwa (marketing) go ngoka bajanala. Bare ga jaana, bontsi jwa bajanala ba ba etelang lefelo le, ke batho basweu.

Kagiso Makolobate are: “Go bua nnete fela, mafelo a bojanala ga re unngwelwe go fitlha ga jaana. Botsi jwa bajanala ba ba etelang lefelo le, ke basweu. Ga se gantsi ba etela mafelo a rona a rekisang dijo, mme se ba se dirang ke go tshela lokwane fela mo tulong ya rona.

“Jaanong, re ne re ka itumela fa puso e ne e ka netefatsa gore lefelo leno le rekisiwa sentle go bajanala. Leno ke lefelo le lentle le le ka thusang go godisa ikonomi ya rona le go tlhama ditiro.”

Re sale foo, dipalopalo di supa fa Aforika Borwa e amogetse bajanala ba boditšhabatšhaba ba le 1 005 286 ka Phatwe 2026, mme gape palo ya bone e feta dimilione di le nngwe mo kgweding e le nngwe. Se, se bontshitse koketsego ya 7.4% fa go bapisiwa le Phatwe 2025.

Tona ya Bojanala, Patrica de Lille are: “Palogotlhe ya bajanala ba boditšhabatšhaba ba ba gorogileng mo Aforika Borwa magareng ga Ferikgong le Phatwe 2026 jaanong e eme go 7 581 455, e leng koketsego ya 11.7% fa go bapisiwa le paka e e tshwanang ngogola.

“Dipalopalo tsa Phatwe di bontsha gore Aforika Borwa e santse e gogela bajanala ba bantsi, e bile di gatelela botlhokwa jwa go fetolela koketsego ya bajanala ditshono tse dikgolo tsa ikonomi. Go amogela bajanala ba boditšhabatšhaba ba feta dimilione di le nngwe ka Phatwe go bontsha gore Aforika Borwa e a batliwa.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.