Khuti e kgolo ya thulano kwa Morokweng e gwetlile dikakanyo dingwe tse difarologaneng tsa saense


Setshwantsho: Khuti ya kwa Morokweng

Ka AGISANANG SCUFF

10 Diphalane 2026 – Khuti (Meteorite) ya kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa ke karolwana ya (ledimo) asteroid le le tswang mo lefelong le legolo la kgale la go thulana ga ledimo (asteroid) le lefatshe. Lefelo le, le fitlhegile ka fa tlase ga sekaka sa Kalahari mo porofenseng ya Bokone Bophirima, gaufi le molelwane wa naga ya Botswana.

Go dumelwa gore tiragalo eno e diragetse dingwaga di ka nna dimilione di le 145 tse di fetileng. Go phopholediwa gore khuti eno e na le bophara jwa magareng ga dikilometara di le 70 le 190. E na le dingwaga di ka nna dimilione di le 145 go ya go 146.

Khuti eno e bakilwe ke ledimo la mofuta wa LL/L chondrite, le le neng le na le bophara jwa dikilometara di ka nna 5 go ya go 10.

Ka kgwedi ya Motsheganong 2006, setlhopha sa babatlisisi ba Yunibesithi ya Witwatersrand, mmogo le balekane ba boditšhabatšhaba, ba ne ba epa sediba sa patlisiso go ya boteng jwa dimetara di ka nna 770 mo lefikeng le le gakologileng le le bakilweng ke thulano eo.

Ba ne ba ribolola karolwana ya meteorite ya bogologolo, e e neng e ise e thubege, e e boleele jwa disentimetara di le 25, mmogo le dikarolwana tse dinnye. Go ribololwa ga karolwana e kgolo ya ledimo le le neng le sa gakologa kgotsa go nyerologa ka ntlha ya mogote kwa teng ga khuti e kgolo ya thulano go ne ga gwetlha dikakanyo dingwe tsa saense.

Dikakanyo tseo di ne di tlhalosa gore dilo tse dikgolo tse di thulanang le lefatshe ka lobelo lo logolo di tshwanetse go nyerologa gotlhelele kgotsa go gakologa ka ntlha ya mogote o mogolo o o tlhagelelang ka nako ya thulano. Fela, karolwana eno ya disentimetara di le 25, e tshwana le lefika la LL6 chondrite breccia.

Le fa go ntse jalo, e na le diminerale tsa silicate tse di humileng ka tshipi le metswako ya tshipi le nickel e e nang le sebabole, mme ga e na tshipi e e gololesegileng kgotsa troilite. Seno se kaya gore e ka tswa e tswa mo karolong e e sa tlwaelegang ya asteroid, kgotsa mo setlhopheng se se kgethegileng sa di-asteroid tse dikarolwana tsa tsone di sa tlwaelegang go bonwa mo lefatsheng.

Tiragalo eno ya thulano e ntse e batlisisiwa go bona gore a e ne e amana le ditiragalo tse dinnye tsa go nyelela ga ditshedi le diphetogo tse di sa tlwaelegang tsa dikhemikale mo mafikeng a bogologolo. Dikai tsa diphetogo tseo di akaretsa dikarolo tsa mafika tse di nang le iridium e ntsi, e leng elemente e e ka thusang borasaense go lemoga ditiragalo tsa thulano ya dilo tse di tswang kwa lefaufaung.

Direkoto tsa dikhuti tsa thulano ya dilo tsa kwa lefaufaung mo lefatsheng di nna di oketsega fa go ntse go ribololwa mafelo a mangwe a thulano. Go begwa fa go nna teng ga khuti ya Morokweng go ne ga akantshiwa la ntlha ke babatlisisi ka 1995.

Go ya ka David Fleminger ©2026 South Africa Online (Pty) Ltd, ka nako eo, babatlisisi ba ne ba dira dipatlisiso ka go dirisa didirisiwa tsa go lekanya maatla a makenete le maatla a kgogedi ya lefatshe mo lefelong le le itsegeng ka popego ya lone e e sa tlwaelegang ka fa tlase ga lefatshe. Fleminger are jaaka go ntse ka mafelo a mangwe a mantsi a thulano, kwa tshimologong go ne go akanngwa gore popego eno e e kgolokwe e bakilwe ke tiragalo ya go thunya ga seretse se se fisang se se tswang mo teng ga lefatshe.

“Le fa go ntse jalo, disampole tsa mafika tse di neng tsa ntshiwa mo lefelong leo di ne tsa bontsha gore go ne go na le mafika a a fetotsweng ke kgatelelo e kgolo ya thulano, mmogo le mafika a a gakologileng go tswa mo lefikeng le le neng le gakologile ka ntlha ya mogote o mogolo.

“Dipatlisiso tse di neng tsa latela di ne tsa bontsha gore gape mafika ao a ne a na le selekanyo se se kwa godimo sa diminerale tse di tswang mo meteorite. Go ne go bonala sentle gore Morokweng e ne e le lefelo la thulano ya selo se se tswang kwa lefaufaung,” Fleminger wa tlhalosa.

Are go a kgonega gore thulano ya Morokweng e nnile le seabe mo go nyeleleng gono ga ditshedi, le fa seno se ise se netefadiwe. Fleminger are khuti ya Morokweng e mo karolong e e kgakala ya Aforika Borwa, mme ga go motlhofo gore batho botlhe ba kgone go e etela. Are le fa go ntse jalo, dikarolwana di le mmalwa tsa meteorite e e bakileng khuti eno di beilwe mo pontshong kwa Musiamong wa Saense kwa London.

Bangwe ba baagi ba re lefelo leno le ka unngwelwa baagi ka go ngoka Bojanala, segolo bogolo jang ba ba nang le kgatlhego mo go tsa saense. Kagiso Mokolobate are dikgosi tsa kwa Motseng wa bone, ba tshwanelwa ke go nnela kgang e disanyane.

“Ke nagana gore baithuti ba saense ba ka tswelwa molemo thata ke khuti eno ya Morokweng ka gonne e tla ba naya tshono e e sa tshwaneng le epe ya go ithuta ka tshireletso ya dipolanete, thuto ya dinaledi le dilo tsa kwa lefaufaung, mmogo le thuto e e tseneletseng ya dikhemikale mo mafikeng.

“Khuti eno ya thulano, e e fitlhegileng ka fa tlase ga sekaka sa Kalahari mono porofenseng ya Bokone Bophirima, e na le bophara jwa dikilometara tse di fetang 70, mme e na le dingwaga di ka nna dimilione di le 145,” Mokolobate wa tlhalosa.

O mongwe wa baagi, David Leepile le ene are khuti ya kwa Morokweng ke popego ya thulano e e sa tshwaneng le tse dingwe mo lefatsheng lotlhe. Leepile are ke yone fela khuti e kgolo mo lefatsheng e mo go yone go fitlhetsweng dikarolwana tsa ntlha tsa asteroid di sa thubege, di bolokegile ka fa teng ga lefika le le gakologileng ka ntlha ya mogote o mogolo wa thulano.

“Khuti e, e bontsha fa e ikgethile, mme seo ka bosone, se tshwanelwa ke go dirisiwa go ka ngoka bajanala. Baithuti ba ka ithuta gore mafika a a tswang kwa lefaufaung a farologana jang le dilo tse di fitlhelwang mo lefatsheng.

“Diteko di bontsha gore asteroid eno e ne e na le selekanyo se se kwa tlase sa sodium le potassium, mme e humile ka uranium, thorium le lanthanum. Seno se supa gore e ka tswa e simologile mo karolong e e sa itsiweng ya lebanta la di-asteroid mo thulaganyong ya dipolanete le letsatsi, e mo go yone go sa tlhole go nna le di-asteroid tse di romelang di-meteorite mo lefatsheng gompieno.

Go fetola dikakanyo tsa fisikisi ya dithulano le dikai tsa mogote

pele ga ditlhotlhomiso tsa Morokweng. Dikai tsa fisikisi ya dipolanete di ne di tsaya gore asteroid nngwe le nngwe e kgolo mo e ka bakang khuti e e bophara jwa dikilometara tse di fetang nne e ne e tla gakologela gotlhelele kgotsa e nyerologe ka ntlha ya mogote o mogolo fa e thulana le lefatshe,” Leepile wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.