Tlhatlharuane kwa kliniking ya selegae ya Manthe


Ka OBAKENG MAJE

2 Lwetse 2026 – Go begwa fa badiri ba kliniki ya Manthe, gaufi le Taung, ba ile ba tlhaselwa le go shupiwa ka sethunya ke monna mongwe o ka letsatsi la Lamatlhatso. Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga baratani bangwe, mme lekau le ne la teketa lekgarebe la gagwe.

Go begwa fa lekgarebe le ga mmogo le ba lelapa la gagwe, ba ne ba leba kwa kliniking ya selegae go ya go mo bonela kalafi. Go begwa fa monna o, a ne a sala lekgarebe le morago go ya teng kwa kliniking eo.

Go begwa fa a ile a fitlha a ntsha sethunya le go shupa badiri ba kliniki eo.

Fela sebueledi sa mokhuduthamaga wa Lefapha la Boitekanelo, Sello Lehari, e leng Tshegofatso Mothibedi, o ganeditse dipego tseno. Mothibedi are ee ke nnete go nnile le tiragalo ya gore monna mongwe a latele lekgarebe la gagwe kwa kliniking, fela ga gona kwa a ntshitseng sethunya gone.

“Go begwa fa go nnile le ntwa magareng ga baratani ba kwa lelapeng la bone. Monna o, o ile a latela mosadi yo kwa kliniking ya selegae kwa a neng a ile go bona thuso ya kalafi gone morago ga go itemogela dikgobalo.

“Monna o, o ile a leka go tsena ka dikago tsa kliniki ka kgang, fela batlhankedi ba tshireletso ba ile ba mo thibela. Go ile ga tsoga ntwa ya mafoko magareng ga monna o le ba lelapa la mosadi o. Jaanong ga se nnete gore badiri ba rona ba ile ba shupiwa ka sethunya,” Mothibedi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.