Monna o fitlhetswe a ikgwageditse kwa Buxton


Ka OBAKENG MAJE

11 Phatwe 2026 – Monna wa dingwaga di le 21 o tlhokofetse kwa motseng wa Buxton, gaufi le Taung. Go begwa fa moswi, Bokamoso Gxaweni a fitlhetswe a ikgwageditse kwa legaeng la gagwe ka Mosupulogo motshegare.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Van Rooyen are sepodisi se ile sa fitlhela Gxaweni a tlhokafetse, mme go ile ga bidiwa badiri ba thuso ya potlako.

“Batlhankedi ba thuso ya potlako ba ile ba netefatsa fa moswi a setse a tlhokafetse. Fela, sebakwa sa go ikgwagetsa ga ga Gxaweni ga go itsiwe. Sepodisi se boloditse dipatlisiso mabapi le tiragalo e,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.