Morutabana o gapilwe ka dikgoka


Ka AGISANANG SCUFF

12 Diphalane 2026 – Mapodisi a Welkom a batlisisa kgetsi ya go thopa sejanaga ka dikgoka le go thopo motho ka dikgoka morago ga gore morutabana, Gert Adams(55), a nyelele mo maemong a a sa tlhaloganyesegeng. Go begwa fa Adams o begilwe a nyeletse morago ga tiragalo e e belaelwang ya go tsewa ka dikgoka ke batho ba ba sa itsiweng.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Free State, Sarasanta Palesa Thabana are go begwa fa ka di 4 Diphalane 2026, mo e ka nnang ka ura ya 11:30 bosigo, Adams o ne a tsewa ka dikgoka ke batho ba ba sa itsiweng. Thabana are go twe o ne a kgona go founela mosadi wa gagwe, mme mogala wa kgaolwa ka tshoganyetso.

“Morago ga moo, o ne a begwa a nyeletse. Sejanaga sa gagwe sa mmala wa thokwa, Hyundai iX35, se ne sa bonwa kwa Klippan kwa Welkom ka di 6 Diphalane 2026, se sena ope mo teng.

“Mogala wa gagwe wa letheka le dithoto tse dingwe di ne tsa fitlhelwa mo sejanageng seno,” Thabana wa tlhalosa.

Thabana are lefelo le monna yo a leng kwa go lone ga le ise le itsiwe, mme dipatlisiso tsa mapodisi di sa tsweletse. Thabana are lebaka la go thopiwa ga gagwe ga se le tlhaloganyesege mo nakong eno.

“Letsholo patlo la go batlana le Adams ga mmogo le batho ba ba ka tswang ba amega mo tiragalong eno ke karolo ya dipatlisiso tse di tsweletseng.

“Mapodisi a ikuela mo bathong ba ba nang le tshedimosetso e e ka thusang mo dipatlisisong gore ba itlhaganele go e fetisetsa kwa mapodiseng,” Thabana a rialo.

Are batho ba ba nang le tshedimosetso ba ka ikgolaganya le Detective Sergeant Tsie Matlokotsi wa Welkom Serious and Violent Crimes mo nomorong ya 078 758 5658. Thabana are ba ka nna ba letsetsa Crime Stop mo go 08600 10111 kgotsa ba romela tshedimosetso ka sephiri ba dirisa MySAPS App.

“Tshedimosetso yotlhe e e tla amogelwang e tla tshwarwa ka sephiri se se gagametseng,” ga gatelela Thabana.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.