
Ka STAFF REPORTER
8 Diphalane 2026 – Bolaodi jwa sedika sa Pixley ka Seme bo amogetse katlholo ya dingwaga di le tlhano kwa kgolegelong kgatlhanong le Caswill Moos (34) yo o bonweng molato wa go tlhasela tsala ya gagwe kwa Niekerkshoop. Go begwa fa tiragalo eno, e diragetse ka 30 Diphalane 2025, fa mosadi yo o nang le dingwaga di le 31 le Moos ba ne ba itapolosa kwa ntlong ya tsala ya gagwe.
Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Colonel Cherelle Ehlers are fa ba sena go boela kwa lefelong le ba nnang kwa go lone, Moos o ne a tlhasela mosadi yoo ka go mo itaya le go mo raga. Ehlers are motswasetlhabelo o ne a kgona go tshaba mo ntlong, mme a kopa thuso kwa baagisaning.
“Morago ga moo, go ne ga bulwa kgetsi ya go tlhasela motho ka maikaelelo a go mo gobatsa botlhoko (GBH), mme dipatlisiso di ne tsa etelelwa pele ke Detective Constable Emily Swartz wa Yuniti ya babatlisisi kwa Niekerkshoop.
“Moos o ne a tshwarwa, mme a lebana le molato o o maleba. Kgotlatshekelo ya kgaolo e e dutseng kwa Griekwastad, e sa tswa go bona Moos molato mabapi le go tlhasela motho ka maikaelelo a go mo gobatsa botlhoko, mme ya mo atlholela dingwaga di le tlhano mo kgolegelong,” Ehlers wa tlhalosa.
Ehlers are dingwaga di le pedi tsa katlholo eo, di beetswe thoko dingwaga di le tlhano. Are kgotlatshekelo gape e ne ya bolela gore Moos ga a tshwanelwa ke go nna le sethunya.
“Detective Constable Swartz o ne a akgolwa ka ntlha ya dipatlisiso tsa gagwe tse di manontlhotlho, tse di nnileng le seabe mo go bonweng ga Moos molato. Boiteko jwa gagwe bo netefaditse gore modirabosenyi o ikarabela ka ditiro tsa gagwe le gore molao o diragadiwe mo boemong jwa motswasetlhabelo.
“SAPS e tsweletse go itlama mo go lwantsheng tirisodikgoka ya mo malapeng le tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong. Re tla tswelela go netefatsa gore badirabosenyi ba isiwa kwa dikgotlatshekelo gore ba tle ba ikarabele ka ditiro tsa bone,” Ehlers a rialo.
Ehlers are tirelo ya sepodisi sa Aforika Borwa e tsweletse go ikemisetsa go samagana le tirisodikgoka ya mo malapeng le tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong, le go netefatsa gore badirabosenyi ba isiwa kwa dikgotlatshekelo go lebana le ditlamorago tsa ditiro tsa bone.