
Ka BAKANG MOKOTO
8 Diphalane 2026 – Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa (SAPS) kwa Ottosdal e tlhotlhomisa kgetsi ya polao morago ga loso lwa mosadi wa dingwaga di le 55 kwa polaseng ya Doornpan, kwa ntlenyana ga Ottosdal. Go begwa fa mapodisi a ne a amogela pego ya tlhaselo e e ka nnang e diragetse kwa polaseng, mme a tsibogela kwa lefelong leo.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokoen Bophirima, Sarasanta Kelebogile Morake are fa sepodisi se goroga, se ne sa itsisiwe gore mosadi yo o neng a gobetse o ne a isiwa kwa sepetlele kwa Klerksdorp ke monna wa gagwe. Morake are moragonyana, o ne a tlhokafala kwa sepetlele ka ntlha ya dikgobalo tse a neng a di bone.
“Go begwa gore mosadi yoo, o ne a tlhaselwa fa a ne a leka go bula kgoro gore a tsene mo polaseng. Maemo a a dikologileng tiragalo eno a santse a batlisisiwa. Babelaelwa ba babedi ba banna, ba dingwaga di le 32 le 33, ba tshwerwe mabapi le polao eno morago ga gore ba lemogiwe ke mosupi.
“Mmelaelwa wa boraro o santse a tsene ka lenga la seloko. Babelaelwa ba ba tshwerweng ba solofetswe go tlhagelela kwa Kgotlatshekelo ya Bomaseterata ya Ottosdal ka Labone, 8 Diphalane 2026, ba lebane le melato ya polao,” Morake wa tlhalosa.
Re sale foo, mokomishinara wa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams, o kgala tiragalo eno, mme o akgotse setlhopha sa babatlisisi ka go tshwara babelaelwa ka bonako.
“Polokesego le pabalesego ya batho ba ba nnang le ba ba dirang kwa mafelong a magaeng e santse e le nngwe ya dilo tse di tlang kwa pele mo tirelong ya sepodisi sa Aforika Borwa. Re tshwenyegile thata ka tiragalo eno e e utlwisang botlhoko, mme re romela matshediso a rona kwa lelapeng la ga van Zyl.
“Re tla tswelela go dira mmogo le baagi ba kwa magaeng, balemirui le bakgathatiro ba bangwe go nonotsha dikgato tsa thibelo ya bosenyi le go netefatsa gore ba ba rwelang maikarabelo a bosenyi jo bo dirang dikgoka ba isiwa kwa kgotlatshekelo,” Adams wa tlhalosa.
Are o tsweletse ka go kopa baagi ba mafelo a magaeng gore ba nne kelotlhoko, ba bege ditiro dingwe le dingwe tse di belaetsang kwa mapodising, mme ba dirisane le baemedi ba molao go tokafatsa polokesego mo mafelong a dipolase.