
Setshwantsho: Molatofadiwa wa petelelo, Monnapula Madienyane
Ka OBAKENG MAJE
3 Diphalane 2026 – Monna wa dingwaga di le 38 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung ka Mosupulogo morago ga go tshwarwa gape. Go begwa fa Monnapula Madienyane a ne a tshaba kwa kgotlhatshekelo ya Taung dibeke di le tharo tse di fetileng morago ga go tlhagelela mabapi le kgetsi ya petelelo.
Go begwa fa Madienyane a ne a betelela bana ba gagwe ba eseng ba madi ba e leng mawelana, mme a ba ithwadisa. Go ya ka dipego, Madienyane one a tshwarwa le go lebana le kgetsi ya petelelo.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are Madienyane o ne a tshaba morago ga go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo. Magakoe are sepodisi se ile sa bolotsa letsholo-patlo e le go batlana le Madienyane.
“Madienyane o ile a fitlhelwa a tlhabile kgobe ka mmutlwa kwa legaeng la gagwe kwa motseng wa Manthe, mono Taung ka Labotlhano. Molatofadiwa o, o ne a tshwarwa mme o solofetswe go shadikanya matlho fa pele ga magistrata mabapi le ditatofatso tsa go tshaba kwa kgolegelong ka Mosopulogo,” Magakoe wa tlhalosa.