Monna o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong morago ga go bolaya kgarebe ya gagwe


Ka REGINALD KANYANE

3 Diphalane 2026 – Lephata la Bosekisi kgotsa National Prosecuting Authority (NPA), e amogetse katlholo ya botshelo jotlhe e e neetsweng Mandla Petros Mthembu wa dingwaga di le 55 ke Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Dundee ka ntlha ya polao ya tsala ya gagwe ya mosadi, Nokuthula Shabalala wa dingwaga di le 38. Mthembu o ne a ipona molato wa polao go ya ka Karolo 112 ya Molao wa Tsamaiso ya Ditsheko tsa Bosenyi.

Sebueledi sa NPA kwa KwaZulu-Natal, Natasha Ramkisson-Kara are bosenyi jono bo diragetse ka Lwetse 2025, kwa kgaolong ya Craigside kwa Dundee, kwa Mthembu le Shabalala ba neng ba nna mmogo teng. Ramkisson-Kara are go ya ka boipobolo wa gagwe, Mthembu o ne a goroga kwa gae ka la 29 Lwetse 2025 mme morago ga moo ga tsoga kgotlhang fa gare ga gagwe le Shabalala ka ntlha ya tiragalo e e neng e diragetse bosigo jwa pele.

“Mthembu o boleletse kgotlatshekelo gore Shabalala o ne a galefa, a tswela kwa ntle, mme a boela a tshwere thupa e a neng a re o ne a e dirisa go mo itaya. Are o ne a tsaya thupa eo mo go ene, mme morago a tsaya sekgwa sa go kurufela (screw driver), mme a mo tlhaba mo sehuba.

“O ne a tlhalosa fa Shabalala o ne a ya go robala mo phaposing e nngwe kwa thoko a sa batle thuso ya kalafi. Mo mosong o o latelang, Mthembu o ne a ya kwa tirong, a tlogela Shabalala a robetse. Fa a boa, o ne a fitlhela a sa ntse a le mo bolaong mme a lemoga gore o ne a sa tlhole a hema,” Ramkisson-Kara wa tlhalosa.

Ramkisson-Kara are Mthembu e begile fa a ne a begela mapodisi ka ga tiragalo eno, mme morago a tshwarwa. Ramkisson-Kara are dipatlisiso di ne tsa supa fa Shabalala o tlhokafetse ka ntlha ya ntho e e neng e le mo sehuba.

“Fa go ne go tshwarwa tsheko ya katlholo, mosekisi wa NPA, Sbonelo Mncadi, o ne a neela kgotlatshekelo polelo ya ditlamorago mo lelapeng la motho yo o tlhokafetseng, e e neng e kwadilwe ke mmaagwe Shabalala ka thuso ya motlhankedi wa Thulaganyo ya Batewa, Victoria Griffiths.

“Mmaagwe Shabalala o ne a bolelela kgotlatshekelo gore o kile a kopa morwadie makgetlo a le mmalwa gore a tlogele Mthembu, mme Shabalala a boela gape kwa kamanong eo. O ne a tlhalosa gape gore, ka ntlha ya gore ke motho yo o tsofetseng e bile a le bokoa, o ne a ikaegile ka morwadie gore a mo tlhokomele, mme jaanong a ka se tlhole a bona tlhokomelo eo,” Ramkisson-Kara wa tlhalosa.

Ramkisson-Kara are Mthembu o atlhotswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong, mme o tlhalositswe fa a sa tshwanelwa ke go nna le sethunya. Ramkisson-Kara are katlholo eno e bontsha gore badirabosenyi ba tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le dipolao tsa basadi ba tla ikarabela mo ditirong tsa bone.

“Katlholo eno e romela molaetsa o o nonofileng wa gore tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ga e kitla e letlelelwa, mme badirabosenyi ba tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le dipolao tsa basadi ba tla lebana le maatla otlhe a molao,” Ramkisson-Kara wa tlhalosa.

O ne a oketsa ka gore NPA e tsweletse ka boitlamo jwa go netefatsa gore badirabosenyi ba a ikarabela, fa e ntse e batlela batswasetlhabelo le malapa a bone tshiamiso.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.