
Ka REGINALD KANYANE
3 Diphalane 2026 – Tiragatso e e kopanetsweng e e neng e akaretsa maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e feletse ka go tshwarwa ga babelaelwa ba le bararo ba ba amanang le kgetsi ya bogodu jwa mo ntlung le go thopa motho ka dikgoka kwa Makapanstad. Babelaelwa bano, e leng banna ba le bararo ba dingwaga tse di fa gare ga 22 le 27, ba ne ba salwa morago le go tshwarwa ka 1 Diphalane 2026, morago ga ditiro tse di neng di ikaegile ka tshedimosetso ya botlhale tse di neng tsa dirwa ke maloko a Brits Crime Intelligence, Brits Trio Task Team le Makapanstad Detectives.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Anne Magakoe are tiragatso eno e simolotse morago ga gore go amogelwe tshedimosetso e e neng e thusa babatlisisi go sala morago babelaelwa ba ba amanang le kgetsi e e kwa Makapanstad. Magakoe are go begwa gore ka di 30 Moranang 2024, banna ba ba neng ba tshwere dibetsa ba ne ba tsena mo legaeng kwa Makapanstad fa motswasetlhabelo a ne a lebeletse thelebišene.
“Babelaelwa ba ne ba mo dira motshwarakananyo le go mo supa ka sethunya pele ga ba tsaya dinotlolo tsa sejanaga sa gagwe le dithoto tsa botlhokwa. Go begwa fa bai le ba mo pateletsa go tsena mo Toyota Quantum ya mmala wa selefera.
“Ba ne ba mo isa kwa lefelong le lengwe, kwa go begwang fa ba ile ba mo batla dikarata tsa gagwe tsa banka, mme ba mo tshosetsa mmogo le morwawe. Ka ntlha ya ditshoso tseo, go ne ga ntshiwa madi a mantsi mo akhaontong ya banka ya motswasetlhabelo,” Magakoe wa bega.
Magakoe are motswasetlhabelo ga a ka a bega tiragalo eno ka bonako ka gonne o ne a tshositswe le go laelwa gore a se ka a ya kwa sepodisi. Magakoe are motswasetlhabelo one a bega kgetsi eno moragonyana, mme sejanaga sa gagwe se ne sa fitlhelwa se tlogetswe mo mmileng.
“Ka go kokoanya tshedimosetso ya botlhale le dipatlisiso tse di neng tsa latela, mmelaelwa wa ntlha o ne a tshwarelwa kwa legaeng la gagwe kwa Soshanguve. Wa bobedi o ne a tshwarelwa kwa Training Academy, fa wa boraro a ne a salwa morago mme a tshwarelwa kwa Legonyane.
“Babelaelwa ba bararo ba solofetswe go tlhagelela fa pele ga Kgotlatshekelo ya Themba ka di 5 Diphalane 2026, ba lebane le melato e e amanang le bogodu jwa ntlo le go thopa motho ka dikgoka,” Magakoe wa tlhalosa.
Are dipatlisiso di santse di tsweletse, mme sepodisi se ntse se sala morago babelaelwa ba bangwe ba go dumelwang gore ba amana le kgetsi eno.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams, o akgotse maloko a a nnileng karolo mo tiragatsong e e neng e ikaegile ka tshedimosetso ya botlhale ka ntlha ya maiteko a bone a a dirileng gore babelaelwa ba tshwarwe. Adams o gateletse gore SAPS e tla tswelela go sala morago babelaelwa ba ba amegang mo ditlolong tsa molao tse di masisi le tsa tirisodikgoka, mme a rotloetsa batswasetlhabelo ba bosenyi go begela sepodisi ditiragalo tsotlhe gore batlolamolao ba isiwe fa pele ga dikgotlatshekelo, mme ba lebane le tsamaiso ya bosiamisi.
“SAPS e tla tswelela go dira ka natla go sala morago batho ba ba amegang mo ditlolong tsa molao tse di masisi le tsa tirisodikgoka. Re rotloetsa batswasetlhabelo le maloko a setšhaba go begela sepodisi ditiragalo tsa bosenyi ka bonako, gore dipatlisiso di kgone go dirwa ka botlalo mme ba ba amegang ba isiwe fa pele ga kgotlatshekelo go lebana le molao,” ga rialo Adams.