Mosadi o neng a timetse o bonwe


Ka BAKANG MOKOTO

14 Lwetse 2026 – Mosadi o go neng go begwa fa a timetse, e leng Margareth Nobakhethwa Nkosi (63), o bonwe. Sepodisi se tlhalositse fa Nkosi a bonwe ka letsatsi la Tshipi ntle le dikgobalo kwa Hebron.

Go begwa fa Nkosi a ne a bonwa la bofelo ke tsala ya gagwe ka di 18 Phatwe 2026, fa a ne a ile kwa lebenkeleng.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Saresanta Kelebogile Morake, are sepodisi se ne sa bolotsa letsholo-patlo, mme go ne ga se nne le nko e tswang lemina. Morake are ka nako ya fa Nkosi a timela, one a apere borokgwe jo bontsho le jeresi e khibidu.

“Re ne ra kopa baagi ba ba ka tswang ba na le tshedimosetso ka ga Nkosi gore ba e fetisetse kwa mapodiseng. Jaanong re ka netefatsa fa Nkosi a bonwe,” Morake wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.