Sepodisi se batlana le monna o timetseng


Ka REGINALD KANYANE

11 Lwetse 2026 – Mapodisi a Bethanie a kopa thuso ya setšhaba go thusa ka go batlana le Jeremiah Ofentse Ditlopo (42), yo go begwang fa a timetse mo kgweding ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2025. Go begwa fa Ditlopo o bonwe la bofelo ke tsala ya gagwe ka di 19 Sedimonthole 2025, kwa Bethanie.

Sebueledi sa sepodisi mono porofensneg ya Bokone Bophirima, Mokaptein Majang Skalkie are sepodisi se ile sa bolotsa letsholo-patlo, fela ga go ise go nne le katlego. Skalkie are ka nako ya fa a ne a bonwa la bofelo, Ditlopo o ne a apere borukgwe jo bokhutshwane jo bo pududu le bokete jo bo borokwa.

“O tlhalosiwa a na le mmala o montsho, mmele o o magareng, ditedu tse dintsho le lefatla. Re ikuela go mongwe le mongwe yo a ka tswang a na le tshedimosetso ka ga Ditlopo go ikgolaganya le sepodisi.

“Tshedimosetso nngwe le nngwe e ka thusa sepodisi go tsweletsa dipatlisiso le go bona monna yo o timetseng e botlhokwa,” Skalkie wa tlhalosa.

Skalkie are botlhe ba ba nang le tshedimosetso ba ka letsetsa dinomoro tsa Crime Stop mo 08600 10111 kgotsa ba ka dirisa MySAPS App go romela tshedimosetso ka sephiri. Skalkie are kgotsa ba ka ikgolaganya le seteishene se se gaufi sa sepodisi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.