
Ka OBAKENG MAJE
11 Lwetse 2026 – Lefapha la Tsamaiso ya Dipuso se Legae, Bodudi jwa Batho ga mmogo le Tsamaiso ya Setso mono Bokone Bophirima, le tsweletse ka maiteko a go netefatsa gore malapa a a tlhokang a bona matlo a a siameng le ditlankana tse di netefatsang beng jwa matlo a bone. Se, se tla morago ga gore mokhuduthamaga wa Lefapha la Tsamaiso ya Dipuso se Legae, Bodudi jwa Batho ga mmogo le Tssmaiso ya Setso, Oageng Molapisi, o neetse malapa a a tshwanelang matlo kwa motseng wa Ditshilong, Diretsaneng le kwa motsesetoropong wa Huhudi kwa Vryburg.
Kwa Ditshilong, Molapisi o neetse malapa matlo a mabedi a a feditšweng, e le karolo ya porojeke ya matlo a le 216 a balelelwang go boleng jwa R45 million.
“Porojeke eno e solofetswe go wediwa kwa bokhutlong jwa Mopitlwe 2027. Puso e ikemiseditse go netefatsa gore malapa a a tlhokang thata a fiwa tlotlo le seriti ka go nna le mafelo a a siameng a bonno.
“Re tla tswelela go netefatsa gore batho ba ba leng mo maemong a a bokoa ga ba salele kwa morago le gore mananeo a rona a matlo a arabela maemo a mmatota a a lebaneng le baagi mo porofenseng,” ga rialo Molapisi.
O tlhalositse gape gore lefapha le tla tswelela go baya leitlho tiro ya borakonteraka go netefatsa gore matlo a agiwa ka boleng jo bo siameng le gore diporojeke di wediwa ka nako. Molapisi are ba lebeletse gore borakonteraka ba age matlo a boleng jo bo siameng, mme ba a fetse ka nako e go dumalanweng ka yone.
“Baagi ba rona ga ba kgone go itshokela tiego e e sa tlhokegeng, Kwa Huhudi Extension 25, re neetse baunngwelwa ba le lesome ditlankana tsa beng ba matlo mo letsholong la Title Deeds Friday, mmogo le ratoropo wa masepala wa Naledi, Clifton Groep.
“Mo ditlankaneng di le 68 tse di neng di tshwanetse go abiwa, lefapha le ne la kgona go neela baunngwelwa ba le 10 ka nako ya tiragalo,” Molapisi wa tlhalosa.
Kgabagare, Molapisi are Lefapha la gagwe le ipeile mokgele wa go aba ditlankana tsa beng ba matlo di 2450, e leng karolo ya maiteko a go fitlhelela mokgele wa bosetšhaba wa ditlankana di le 80 000 ka 2029. Molapisi are go nna le setifikeiti sa beng jwa ntlo go botlhokwa ka gonne go naya beng tshireletsego ya semolao le boshupi jwa gore dintlo tseo ke tsa bone.