
Ka OBAKENG MAJE
1 Lwetse 2026 – Mothuti wa Grade 9 wa kwa sekolo se segolwane sa Batlhaping mono Taung, o solofetswe go beelwa thoko nakwana. Se, se tla morago ga gore moithuti o, a bonwe mo setshwantshong sa motsikinyego a le mo kgakgauthanong ya mafoko le morutabana.
Go begwa fa moithuti o, a ile a tlhapaola morutabana le go mo laela fa a tlile go mo thuba dirwe tsa gagwe tsa bonna.
Sebueledi sa mokhuduthamaga wa Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, Dr Desbo Mohono e leng Mercy Mokgatle are tiragalo e, e diragetse kwa phaphosi-borutelo, mme morutabana o, o ile a itsise mogokgo wa sekolo ka ga yone. Mokgatle are fela ka nako eo, moithuti o, o ne a setse a tsamaile.
“Mogokgo o ile a itsise lekgotlhataolo la sekolo ka ga tiragalo e. Maloko a lekgotlhataolo la sekolo a solofetswe go tsenela kopano kwa sekolong mo letsatsing la gompieno go atlha-atlha kgang e.
“Moithuti o tla neelwa lekwalo la go sekegiwa nakwana fa go sentse go emetswe dikgato-kgalemo. Mortutabana o amegileng, o tla neelwa tshidilo-maikutlo,” Mokgatle wa tlhalosa.
Mokgatle are le moithuti o tlhoka tshegetso. Are go ya ka mogokgo, moithuti o, ga a na legae mme ke khutsana.
“Go begwa fa moithuti o, e se ngwana o lenyatso ebile e le sa ntlha se se direga. Fela se a itsegeng ka sone ke go fitlha thari kwa sekolong. Jaaka lefapha, re kgala tiragalo e ka bogale.
“Batsaya-karolo ba ba farologaneng ba tla bilediwa kwa sekolong jaaka badiredi loago, sepodisi le badiri ba lefapha ba ba maleba (QLTC) go neelana ka tshegetso go sekolo, baithuti ga mmogo le barutabana,” Mokgatle wa tlhalosa.
Kgabagare, moithuti o amegileng, o latofatsa morutabana ka go mo tlhapaola ka batsadi ba gagwe le go nyefola lelapa la kwa gagabo pele ga moo. Moithuti o, o ne a bua seno mo setshwantsho sa motsikinyego go araba ba ba neng ba mo kgala mabapi le maitshwaro a gagwe a makgasa.