
Ka OBAKENG MAJE
24 Phatwe 2026 – Sepodisi se boloditse dipatlisiso mabapi le loso la mosimanyana wa dingwaga di le 15 wa kwa motseng wa Madipelesa, gaufi le Taung. Se, se tla morago ga magatwe a go teketiwa le go bolawa ga ga Tlhalefo Mokgosi.
Go ya ka tshedimosetso, go begwa fa Mokgosi a ile a teketiwa ke monna wa ga mmakgwebo mongwe teng kwa motseng o. Go begwa fa Mokgosi a ile a utswa dibotlolo tsa ga mmakgwebo o, mme a ya g di rekisa.
Go begwa fa monna wa ga mmakgwebo o, ga mmogo le ditsala tsa gagwe, ba ne ba tswa letsholo le go batlana le Mokgosi.
Go begwa fa ba ile ba mo teketa go utlwala.
Fela sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa Mokgosi a ne a kaya fa a opiwa ke tlhogo, mme ba lelapa la gagwe ba mo rwalela kwa bookelong jwa selegae. Van Rooyen are baooki ba ile ba kaya fa Mokgosi a na le dikgobalo tse di tseneletseng mo tlhogong.
“Go begwa fa Mokgosi a sa tlhalosa gore o bone jang dikgobalo tseo. Jaanong, diteko tsa morago ga loso di tla shupa gore Mokgosi o bone jang dikgobalo tseo. Dipatlisiso tsa sepodisi di tsweletse mo kgetsing e, mme ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” van Rooyen wa tlhalosa.