Banna ba le bane ba tshwere morago ga go bonwa ga nama ya kgomo mo dijanageng tsa bone


Setshwantsho: Nama ya kgomo e bonwe mo dijanageng

Ka OBAKENG MAJE

11 Phatwe 2026 – Banna ba le bane ba ba magareng ga dingwaga di le 20 le 58, ba tshwerwe kwa Amalia morago ga go fitlhelwa ka nama ya kgomo mo dijanageng tsa bone. Go begwa fa mong wa polasi, a ile a fitlhela nngwe ya dikgomo tsa gagwe ditlhabilwe le go bona tlhogo ya kgomo kwa polasing ya gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Constable Thuto Bobelo are dipatlisiso tsa go sa le gale di shupa fa tiragalo e, e le ya letsatsi la Tshipi. Bobelo are sepodisi se ile sa itsisiwe, mme kgetsi e ile ya bulwa.

“Molaetsa wa tsiboso o ile wa phasaladiwa go batlhankela ba sepodisi ba ba neng ba paterola. Go begwa fa batlhankela ba sepodisi ba ile ba bona dijanaga di le pedi tse di neng di belaetsa kwa mmileng wa Goven Mbeki kwa Amalia moragonyana.

“Batlhankela ba ba sepodisi, ba ile ba emisa dijanaga tseo, le go di puruputsha. Ba ile ba puruputsa sejanaga sa modiro wa Toyota Etios le sa Hyundai CRDi, mme ba fitlhela nama ya kgomo mo go tsone,” Bobelo wa tlhalosa.

Bobelo are banna ba, ba ile ba tlhalosa fa nama eo e le ya tholo. Fela Bobelo are dipatlisiso di ile tsa shupa fa e le nama ya kgomo.

“Babelaelwa ba ile ba tshwarwa, mme dijanaga tsa bone di ile tsa thopiwa jaaka bopaki. Banna ba, ba lebane le kgetsi ya go tshola nama ya kgomo e go belaelwang fa e utswitswe. Mo godimo ga moo, ba tla golaganngwa le go utswiwa ga leruo.

“Babelaelwa ba, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Schweizer Reneke mo letsatsing la gompieno,” Bobelo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.