
Ka OBAKENG MAJE
10 Phatwe 2026 – Ba lelapa la ga Kamogelo Segwai ba ikuela go baagi go ba thusa go batlana le morwa wa bone. Se, se tla morago ga ditatofatso tsa gore Segwai o thopilwe ka dikgoka ke bangwe ba baagi kwa Extension 7, mono Taung morago ga go mo latofatsa ka bogodu.
Segwai o bonwe mo setshwantshong sa motsikinyego ga mmogo le tsala nngwe ya gagwe, Omphile Mokoto yo setopo sa gagwe se bonweng kwa masimo kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung mo bekeng e e fetileng, ba dirilwe batshwarwa-kananyo. Mokoto o fitlhilwe ka Lamatlhatso.
Fela go fitlha ga jaana, ga go itsiwe kwa Segwai a leng teng.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi se ka se tshwaele mo kgetsing eno go fitlha ga jaana, gonne dipatlisiso tsa bone di mo maemong a tsitsibanyang mmele. Van Rooyen are jaanong pegelo nngwe le nngwe ba e ntshang e ka sitisa dipatlisiso tsa bone.