Batho ba le robedi ba tlhokafetse morago ga go amega mo kotsing ya sejanaga


Ka OBAKENG MAJE

4 Phatwe 2026 – Sepodisi kwa Kuruman se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se, se tla morago ga kotsi e masisi ya dijanaga kwa tselakgolo ya N14 magareng ga Kuruman le Kathu e latotseng matshelo a le robedi ka Lamatlhatso. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse fa masigo asa ka ura ya bongwe mo mosong.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Lieutenant Colonel Thabo Litabe are batho ba le robedi ba ba magareng ga dingwaga di le 26 le 42, ba ile ba latlhegelwa ke matshelo a bone mo kotsing eo. Litabe are banna ba le supa le mosadi a le mongwe ba ile ba tlhokafala.

“Mongwe wa bapalami go tswa mo sejanageng sa modiro wa Toyota Starlet one a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo, fa mokgweetsi wa sejanaga seo, a ile a tlhokafalela kwa bookelong. Batho ba le batlhano go tswa kwa sejanageng se sengwe sa modiro wa Nissan Micra, le bone ba ile ba latlhegelwa ke botshelo mo kotsing ya sejanaga.

“Mongwe wa bone o tlhokafaletse kwa bookelong. Sepodisi se tsweletse go kopana le balosika go ka netefatsa itshupo ya baswi. Dipatlisiso di tsweletse mabapi le kotsi eo,” Litabe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.