Monna o bolailwe ka go tlhabiwa kwa renkeng ya ditekesi


Ka OBAKENG MAJE

5 Motsheganong 2026 – Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 33 a tlhabiwe le go bolawa maabane bosigo kwa renkeng ya ditekesi ya Taung. Go begwa fa moswi o a itsegeng ka Resego Archibold Jahman Malepe a ne a tsena mo nganyisanong ga mmogo le monna mongwe, mme seo sa lebisa kwa ntweng.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mmelaelwa a ile a tlhaba moswi ka sengwe se se motswi mo mmeleng. Van Rooyen are ba thuso ya potlako ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo.

“Fela, ba ile ba shupa fa motswasetlhabelo a setse a balelelwa le badimo. Kgetsi ya polao e butswe, fela ga go ope o a tshwerweng go fitlha ga jaana. Dipatlisiso mo kgetsing e, ditsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, go begwa fa sepodisi se itse mmelaelwa, mme se mmeile maroa.

taungdailynews@gmail.com

Setopo sa lekgarebe se bonwe kwa molapong


Ka OBAKENG MAJE

4 Tlhakole 2026- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore setopo sa lekgarebe le go belaelwang le le dingwaga tse di magareng ga 25 le 30, se bonwe kwa molapong kwa motseng wa Matolong, gaufi le Taung mo letsatsing la maabane.

Go belaelwa fa setopo se, se ne se na le dintho tsa go teketiwa, mme se tlile se gogotswe ke metsi. Go begwa fa se ile sa thibelwa ke borogo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa setopo se, se bonwe ke mofeti-ka-tsela, mme o ile a itsise sepodisi. Van Rooyen are go fitlha ga jaana, ga go itsiwe gore setopo seo ke sa ga mang.

“Dipholo tsa morago ga loso di tla supa gore loso la lekgarebe le, le ka tswa le tlhodilwe ke eng. Go bontsha fa moswi a teketilwe go utlwala pele ga a ka bolawa,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com