
Ka OBAKENG MAJE
5 Motsheganong 2026 – Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 33 a tlhabiwe le go bolawa maabane bosigo kwa renkeng ya ditekesi ya Taung. Go begwa fa moswi yo a itsegeng jaaka Jahman Malepe, a ne a tsena mo nganyisanong ga mmogo le monna mongwe, mme seo sa lebisa kwa ntweng.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mmelaelwa a ile a tlhaba moswi ka sengwe se se motswi mo mmeleng. Van Rooyen are ba thuso ya potlako ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo.
“Fela, ba ile ba shupa fa motswasetlhabelo a setse a balelelwa le badimo. Kgetsi ya polao e butswe, fela ga go ope o a tshwerweng go fitlha ga jaana. Dipatlisiso mo kgetsing e, ditsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, go begwa fa sepodisi se itse mmelaelwa, mme se mmeile maroa.