Batlhankela ba Tshireletso ba setlamo sa Diphetogo ba isa morero wa bone kwa CCMA


Ka OBAKENG MAJE 

22 Ngwanatsele 2026 – Batlhankela ba tshireletso ba setlamo sa Diphetogo Security and Cleaning Services kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, ba re ba tseetse morero wa bone kwa Commission for Conciliation, Mediation and Arbitration (CCMA) mabapi le go sa duelwa madi a bone a saletseng kwa morago ga mmogo le dibonase. Batlhankela ba ba tshireletso, ba ne ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le mothapi wa bone mabapi le go sa duelwe dituelo tsa bone tsa dikgwedi di le pedi ga mmogo le go sa duelwe ga dibonase tsa bone. 

Go begwa fa setlamo se sa tshireletso sa Diphetogo Security and Cleaning Services, se fetsa go saena konteraka ya dimilione milione ya dingwaga di le tharo le masepala o mogolwane wa Taung. 

Mongwe wa badiri o sa batleng leina la gagwe le itsiwe, are ba utlwile ke go shotliwa ke setlamo se sa Diphetogo Security and Cleaning Services. Are le fa go ntse jalo, masepala o itshetse moriti o tsididi fela le fa go diragala dilo tse. 

“Jaaka re bua le wena jaana, re tswa go isa morero o kwa CCMA, mme ditheetso tsa rona ga mmogo le Diphetogo di tla tshwerwa ka di 9 Sedimonthole 2026. Maloba re ne re boloditse mogwanto le go parega matseno a dikantoro tsa masepala mabapi le go sa duelwe madi a rona a kgwedi le kgwedi. Fela, go ile ga nna thata gore masepala o tsiriganye mo kgannyeng e. 

“Se se utlwisang botlhoko, setlamo sa Diphetogo se ile sa tlisa batlhokomedi ba bangwe, mme ba re tshosetsa ka go re sekega mo tirong. Ba ile ba re duela madi a rona a kgwedi le kgwedi, fela go saletse kwa morago madi a dibonase,” ga rialo modiri.

Kgabagare, sebueledi sa masepala o mogolwane wa Taung, Ricky Oliphant are: “Masepala wa itse ka mogwanto o neng o boloditswe ke batlhankedi ba setlamo sa tshireletso sa Diphetogo. Re ile ra buisana le botsamaisi jwa setlamo se, mabapi le go tlhaloganya gore ke eng batlhankela ba tshireletso ba se kwa tirong. Batlhankela ba, ba re ba na le dikgwedi di le pedi ba sa bone mogolo wa bone. 

“Fela se re ka se tlhalosang ke gore, masepala o duetse setlamo seno madi a sone go ya ka tumalano ya konteraka magareng ga ditlamo tse pedi tse. Mogwanto wa batlhankela bano ga wa ama thebolo ya ditirelo, gonne setlamo se, se ile sa tlisa batlhankela ba bangwe kwa tirong.”

Oliphant are masepala ga o rate go tsena ditumalano magareng ga mothapi le mothapiwa, mme o tla tlogela botsamaisi jwa Diphetogo go rarabolola kgang e. Oliphant are fela go tla nna le tsereganyo fa e tlhokega. 

“Masepala ga nkitla o tlhalosa diteng tsa konteraka magareng ga one le Dipthetogo, fela ke tla go kaela gore konteraka ya Diphetogo ga e fete dikgwedi di le 36. Gape, ga nkitla re kgona go tlhalosa gore konteraka ya Diphetogo ke ya boleng jo bokae e le go sireletsa tumalano ya sephiri magareng ga ditheo di le pedi,” ga rialo Oliphant. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.