Ba lelapa ba kopiwa go batlisiwa Matumelo Malgas


Setshwantsho: Matumelo Malgas

Ka OBAKENG MAJE

2 Ngwanatsele 2026 – Ba lelapa la ga Matumelo Malgas (17) kwa motseng wa Madipelesa, gaufi le Taung, ba re ba kopa go batlisiwa ngwana wa bone o a nyeletseng. Ba lelapa ba bega fa Malgas a tsamaile kwa lelapeng la gagwe fa kgwedi ya Diphalane e ne e tlhola matsatsi a le 27.

Mongwe wa lelapa, Basimane Moremedi, are go utlwala fa Malgas a fetile kwa dipolasing tsa Poroki. Moremodi are go begwa fa Malgas a tlhalositse fa a ya kwa molapong kwa Barkly West.

“O ne a apere jeresi e pududu, sekipa se se tshweu, borokgwe jo bo pududu. A ka tswa a le kwa Deelport kgotsa kwa Barkly West. Mongwe le mongwe o a tla mo bonang, a ka letsetsa ba lelapa go 0687646161,” Moremedi wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, mokaptein Majang Skalkie are ga gona kgetsi epe e begilweng kwa sepodising mabapi le go nyelela ga ga Malgas.

taungdailynews@gmail.com