Banyana Banyana e fetetse mo legatong la boraro la dikgaisano


Ka REGINALD KANYANE

14 Diphalane 2026 – Banyana Banyana e fetetse kwa legatong la boraro la dikgaisano tsa go ipatlela phatlha kwa Diolimpiking tsa 2028 kwa Los Angeles morago ga go fenya Madagascar ka palogotlhe ya dino di le 7-0 mo metshamekong e mebedi kwa Bloemfontein ka Labobedi maitseboa. Aforika Borwa e fentse Madagascar ka dino di le 3-0 mo motshamekong wa bobedi o o tshwaretsweng kwa Free State Stadium.

Motshameki yo o tseneng mo lebaleng mo seripagare sa bobedi, Ronnel Donnelly, o ne a nosa dino di le pedi, mme seno sa dira gore a nne le dino di le tlhano mo metshamekong e mebedi, morago ga go nosa dino di le tharo mo motshamekong wa ntlha. Gabriela Moodaly-Salgado ke ene a butseng dino mo motshamekong oo kwa tshimologong ya seripagare sa bobedi, morago ga gore seripagare sa ntlha se fele go se na nno e e nositsweng.

Banyana Banyana e ne ya tshameka fa pele ga bontsi jwa balatedi ba kgwele ya dinao ba ba neng ba tsile go tla go ba rotloetsa. Setlhopha se ne sa dira diphetogo mo batshameking ba ba simolotseng motshameko, go akaretsa le go tsenya batshameki ba basha, mme Thembi Kgatlana o ne a nna mokapotene wa setlhopha.

Aforika Borwa e nositse dino di le supa mo metshamekong e mebedi, mme ya se ka ya letla Madagascar go nosa nno epe.

Mokatisi mogolo wa Banyana Banyana, Dr Desiree Ellis, o rile ba itumeletse dipholo, le fa go sa ntse go na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira.

“Re dirile diphetogo di le thataro, mme re itumeletse dipholo e bile re fetetse mo legatong le le latelang.

“Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi e re tshwanetseng go e dira. Re ne ra tlhama ditšhono tsa go nosa, mme ra palelwa ke go di dirisa ka gonne re ne re se na bopelotelele jo bo lekaneng go fitlhelela dino,” Ellis wa tlhalosa.

Ellis are fa nno ya ntlha e sena go tsena, go ne go bonala gore tse dingwe di tla latela, mme ke sone se se diragetseng. Are ba kabo ba nositse dino tse dingwe gape ka gonne ditšhono di ne di le teng.

Banyana Banyana, e e leng bommampodi ba Aforika ba 2022, jaanong e tla kopana le Angola mo legatong la boraro la dikgaisano tseno ka Tlhakole kgotsa Mopitlwe ngwaga o o tlang. Angola e fetetse mo legatong le le latelang morago ga go fenya Namibia ka dino di le 2-0 mo motshamekong wa bobedi, fa motshameko wa ntlha o ne o fedile ka 0-0.

Le fa setlhopha sa Aforika Borwa se ne se itebagantse le dikgaisano tsa go ipatlela phatlha kwa Diolimpiking, se ne sa dirisa gape metshameko eno go ipaakanyetsa dikgaisano tsa go ipatlela phatlha kwa Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA sa kgwele ya dinao sa ngwaga o o tlang, tse di tla tshwarelwang kwa Rabat, Morocco.

Ellis o okeditse ka gore phenyo e tlisetsa batshameki boitshepo, mme go se letle baganetsi go nosa le gone go na le seabe se segolo mo go ba baakanyetseng metshameko e e botlhokwa e e tlang.

“Go fenya go go naya boitshepo, mme go boloka letloa le sa tsenwa ke dino le gone go na le matswela a a tshwanang. Ka jalo, diphenyo tseno tse pedi di re nonotshitse maikutlo ebile di re thusitse go nna le maatla a go tsena mo metshamekong e e botlhokwa e e tlang.

“Re a itse gore re nositse dino mme ga re a ka ra letla baganetsi go nosa. E nnile thulaganyo e e molemo ya go ipaakanyetsa dikgaisano tsa go ipatlela phatlha kwa sejaneng sa Lefatshe sa FIFA, tse di atametseng,” ga oketsa Ellis.

Banyana Banyana e ka tshameka kgatlhanong le Chinese Taipei, Ecuador le Uzbekistan mo dikgaisanong tsa go ipatlela phatlha kwa sejaneng sa Lefatshe sa FIFA.

taungdailynews@gmail.com

Pastor and two women arrested for murder and rape


By STAFF REPORTER

14 October 2026 – A pastor and two women have appeared before the Atteridgeville Magistrate’s Court facing serious charges, including conspiracy to commit murder and fraud, following an alleged incident involving a woman and her four-month-old baby. The accused are Pastor Caiphus Mkhawane, 36, Tsako Angel Makhubela, 25, and Amanda Manono Mnguni, 32.

The National Prosecuting Authority (NPA) regional spokesperson in Gauteng, Lumka Mahanjana said all three accused face charges of conspiracy to commit murder and fraud. Mahanjana said Mkhawane and Makhubela face additional charges of human trafficking, premeditated murder, rape, two counts of kidnapping and robbery with aggravating circumstances.

“It is alleged that during August 2026, the accused took out several funeral policies in the name of the victim, who is the mother of the deceased infant.

“On 7 October 2026, Mkhawane, Makhubela and the victim allegedly travelled to the Hennops River under the pretext of performing religious rituals intended to free the woman from evil spirits and protect her children,” she said.

Mahanjana further said upon arriving near the river, the two accused allegedly instructed the victim to undress, tied her up and washed her with water from a bucket. She added that the pastor subsequently took the victim to the river, leaving the baby with Makhubela.

“When they arrived at the river, it is alleged that the pastor washed the victim again and raped her. After the rape, the pastor went to take the child from the wife and they both went to the bushes, where they killed the child.

“The victim allegedly managed to escape and reported the incident to nearby construction workers, who assisted her in contacting the police,” said Mahanjana.

She said following an investigation by Erasmia detectives, Makhubela was arrested on 7 October after the victim allegedly identified her. Mahanjana said Mnguni was arrested later that day, while Mkhawane was arrested on 10 October 2026.

“The matter was postponed to 16 October 2026, for legal aid representation and bail investigations. The NPA remained committed to ensuring that perpetrators of Gender-Based Violence (GBV) and related offences were held accountable through the criminal justice system,” she said.

taungdailynews@gmail.com

Inquest into deaths of PEBCO Three to begin in Gqeberha


By REGINALD KANYANE

13 October 2026 – A joint inquest into the deaths of anti-apartheid activists Sipho Samuel Hashe, Qaqawuli Godolozi and Twasile Champion Galela, collectively known as the PEBCO Three, has began at the Eastern Cape Division of the High Court in Gqeberha on 12 October 2026. The inquest aims to establish the facts surrounding the abduction and deaths of the three leaders of the Port Elizabeth Black Civic Organisation (PEBCO), which was affiliated with the United Democratic Front (UDF).

National Prosecuting Authority (NPA) Eastern Cape regional spokesperson Luxolo Tyali said the decision to hold the inquest followed a request by the National Director of Public Prosecutions to the Minister of Justice and Constitutional Development, based on recommendations from the Eastern Cape Director of Public Prosecutions.

“The inquest is expected to run for five days. Witness testimony will be preceded by inspections in loco at Post Chalmers, near Cradock, and at Chief Dawid Stuurman International Airport,” Tyali said.

Hashe, Godolozi and Galela disappeared on 8 May 1985 after leaving their homes to meet a prospective donor at what was then known as Hendrik Verwoerd Airport, now Chief Dawid Stuurman International Airport.

Their fate remained unknown until November 1997, when former Security Branch police officer Colonel Gideon Nieuwoudt applied for amnesty before the Truth and Reconciliation Commission (TRC) and confessed to participating in their abduction, robbery and murder.

According to the NPA, Nieuwoudt revealed that he had paid a police informant to pose as a British Embassy official and lure the three activists to a meeting under the pretext of discussing a possible donation to PEBCO.

Upon their arrival at the airport, Security Branch members allegedly abducted the three men and took them to an abandoned police station near Cradock known as Post Chalmers.

There, they were interrogated, stripped, beaten, repeatedly suffocated, drugged and strangled. Their bodies were reportedly burnt on a pyre soaked in diesel, while some of their remains were thrown into the nearby Fish River.

Tyali said 10 other Security Branch members, including askaris, also applied for amnesty in connection with the deaths.

Amnesty was granted to two applicants for conspiracy to commit murder, abduction and assault. Both have since died.

Following the TRC hearings, the Gqeberha High Court indicted Nieuwoudt, Johannes Martin “Sakkie” van Zyl and Johannes Koole. However, the matter could not proceed because of interlocutory applications and the subsequent deaths of all three accused.

Tyali said no formal inquest had previously been held into the deaths of the PEBCO Three, making the forthcoming proceedings necessary to establish the facts and examine the available evidence.

“No formal inquest has been held into the deaths of the PEBCO Three. It is therefore imperative that the facts and evidence be fully ventilated before an Inquest Court, which can then make any appropriate findings,” Tyali said.

The NPA said it would continue working with its partners to address atrocities committed during apartheid and support the victims’ families in their pursuit of answers and closure.

The inquest represents a renewed effort to formally examine the circumstances surrounding the disappearance and deaths of the three activists more than four decades ago.

taungda@gmail.com

IDAC confirms resignation of Deputy Director of Public Prosecutions Adv Santhos Manilall


By STAFF REPORTER

October 2026 – The Investigating Directorate Against Corruption (IDAC) has confirmed the resignation of Advocate Santhos Manilall, who serves as Deputy Director of Public Prosecutions at the directorate.

National Prosecuting Authority (NPA) spokesperson Henry Mamothame said Manilall had formally tendered his resignation and would leave the organisation at the end of October.

“The IDAC has noted media reports speculating on the resignation of Adv Santhos Manilall, who is designated as the Deputy Director of Public Prosecutions at IDAC. We can confirm that Adv Manilall has tendered his resignation and his last work day will be on 31 October 2026,” Mamothame said.

He said all cases previously handled by Manilall would be reassigned to prosecutors to ensure continuity in the directorate’s work.

“All the cases he was responsible for will be assigned to fully capable prosecutors to ensure continuity as the IDAC discharges its mandate of investigating and prosecuting on cases of corruption,” Mamothame said.

The NPA and IDAC wished Manilall well in his future endeavours.

The resignation comes as IDAC continues its work investigating and prosecuting corruption-related cases.

taungdailynews@gmail.com

Mosenogi o eleletsa baithuti ba marematlou masego le matlhogonolo


Ka OBAKENG MAJE

13 Diphalane 2026 – Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima le itumeletse go itsise gore letsatsi la ntlha la ditlhatlhobo tsa Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Marematlou (NSC) le tsamaile sentle mo porofenseng yotlhe go se na dikgwetlho dipe tse dikgolo tse di begilweng. Lefapha la re dikolo go ralala porofense di simolotse ka go kwala pampiri ya ntlha ya thuto ya Computer Applications Technology (CAT).

Mokhuduthamaga wa nakwana wa Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, Kenetswe Mosenogi are o etetse sekolo se segolwane sa Malatse Motsepe kwa Mmakau, se se kwa tlase ga Kantoro ya Thuto ya Selegae ya Madibeng, kwa a bontshitseng kgotsofalo ya gagwe ka go simolola sentle ga ditlhatlhobo tsa NSC tsa 2026. Mosenogi are o kopane le setlhopha sa botsamaisi jwa sekolo, lekgotlha-taolo la sekolo (SGB), mokhanselara wa lefelo le baeteledipele ba setso pele ditlhatlhobo di simolola.

“Gompieno, ke kopane le setlhopha sa botsamaisi jwa sekolo, Lekgotla le le Laolang Sekolo, mokhanselara wa lefelo le baeteledipele ba setso pele ditlhatlhobo di simolola.

“Botlhe ba mpoleletse gore baithuti ba ipaakanyeditse go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa bofelo, mme ba na le tshepo ya gore tsotlhe tse di tlhokegang di baakantswe,” Mosenogi wa tlhalosa.

Are o kgotsofaditswe ke ipakanyo ya baithuti mabapi le ditlhatlhobo tseno tse di botlhokwa ebile e le tsa bofelo. Mosenogi are botlhe ba mo netefaleditse gore ba ikemiseditse go falola ditlhatlhobo tsa bone.

“Ke rata go akgola baithuti botlhe, balebedi ba ditlhatlhobo, ditlhopha tsa botsamaisi jwa dikolo le batlhankedi ba thuto ka boineelo, tirisanommogo le boikanyego jwa bone mo go netefatseng gore ditlhatlhobo tsa NSC tsa 2026 di simologa sentle.

“Ka Labone, baithuti botlhe ba ba kwala ditlhatlhobo tsa NSC ba tla kwala nngwe ya dipampiri tse dikgolo, e leng English Paper 3,” Mosenogi wa tlhalosa.

Mosenogi are ba eleletsa baithuti botlhe masego le katlego fa ba ipaakanyetsa go kwala ditlhatlhobo tse. Are baithuti ba rotloediwa go nna ba ritibetse, go dirisa nako ya bone ka tshwanelo le go rulaganya dikarabo tsa bone ka kelotlhoko.

taungdailynews@gmail.com

Gupta-linked companies convicted of fraud and money laundering


By BAKANG MOKOTO

13 October 2026 – Two company directors and three mining companies linked to the Gupta family have been convicted of fraud and money laundering involving R107.5 million in funds intended for the rehabilitation of two coal mines in Mpumalanga. The Gauteng High Court sitting in Johannesburg convicted Ronica Ragavan, Pushpaveni Ugeshni Govender, Optimum Coal Mine (Pty) Ltd, Koornfontein Mines (Pty) Ltd and Tegeta Exploration and Resources (Pty) Ltd on four counts relating to the unlawful use of mine rehabilitation funds.

Investigating Directorate Against Corruption (IDAC) spokesperson Henry Mamothame said the convictions followed a case in which the state demonstrated that money held in rehabilitation trusts was allegedly diverted to pay mining contractors and other third parties instead of being used for its legally prescribed purpose. Mamothame said National Director of Public Prosecutions Advocate Andy Mothibi and IDAC Acting Investigating Director Advocate Ntuthuzelo Vanara welcomed the judgment.

“The court, presided over by Judge Mudunwazi Makamu, convicted the accused on four counts involving R7.5 million from the Optimum Mine Rehabilitation Trust and R100 million from the Koornfontein Rehabilitation Trust.

“On the first count of fraud involving R7.5 million, Ragavan, Govender, Optimum Coal Mine and Tegeta were found guilty. The same accused were convicted on the corresponding money laundering charge under Section 4 of the Prevention of Organised Crime Act 121 of 1998,” he said.

Mamothame further said on the fraud charge involving R100 million from the Koornfontein Rehabilitation Trust, Ragavan, Govender, Koornfontein Mines and Tegeta were convicted. He added that the same four accused were also found guilty of money laundering relating to that amount.

“Ragavan was a director of Koornfontein Mines and Tegeta when the offences were committed, while Govender was a director of Optimum Coal Mine and became a trustee of both rehabilitation trusts on 26 April 2016. All the accused had pleaded not guilty.

“However, the court found former deputy director-general of the then Department of Mineral Resources, Maleatlana Joel Raphela, not guilty on all charges against him,” said Mamothame.

He said the offences violated regulations requiring mining rights holders to set aside funds for rehabilitating land affected by mining activities. Mamothame said the National Environmental Management Act 107 of 1998 and its financial provision regulations require such funds to remain available for environmental rehabilitation.

“During the trial, the state presented evidence that Tegeta acquired Optimum Coal Mine and Koornfontein Mines from Glencore in a transaction implemented on 8 April 2016. The acquisition also gave Tegeta control of the mines’ rehabilitation trusts.

“As of 1 February 2016, the Optimum Mine Rehabilitation Trust held approximately R1.44 billion, while the Koornfontein Rehabilitation Trust held about R278.5 million. In the Optimum matter, the court heard that R7.5 million was transferred from the trust’s Standard Bank account to an Optimum Coal Mine account on 23 May 2016,” he said.  

Mamothame said Ragavan and Govender had signed a letter requesting the transfer. He said the state argued that the bank was falsely informed that the transaction was authorised and that the money would be used for rehabilitation work.

“On the same day, the R7.5 million was combined with R9.5 million from Tegeta and ultimately formed part of a R26.4 million payment to Klipbank Mining for underground mining work carried out in April 2016.

“Although rehabilitation work was undertaken using the funds, the money was never repaid to the trust. In the Koornfontein matter, the State presented evidence that approximately R280 million held by the rehabilitation trust was transferred from First National Bank to the Bank of Baroda in May 2016,” said Mamothame.

He said on 5 May 2016, the Department of Mineral Resources granted Tegeta approval in principle to use the trust funds for concurrent rehabilitation, subject to three conditions. Mamothame said however, the version of the approval letter presented to the Bank of Baroda did not contain those conditions.

He said on 6 June 2016, R170 million from the trust was placed in a fixed deposit and pledged as security for a R150 million loan facility granted to Koornfontein Mines. Mamothame said the bank was given written undertakings that the loan would be used exclusively for mine rehabilitation.

“The bank subsequently paid out R100 million on 13 June 2016. Within two days, the funds had moved through Koornfontein Mines and Tegeta accounts before reaching a Tegeta account at the State Bank of India.

“Of the amount, R67.8 million was paid to mining contractors Klipbank Mining and Coalcor Mining. A further R30 million was transferred back to the Bank of Baroda and subsequently paid to other companies, including Koornfontein Mines and Optimum Coal Mine,” he said.

Mamothame said the state established that none of the R100 million was used for rehabilitation and that no rehabilitation work was undertaken at Koornfontein. He said the trust’s R170 million remained pledged to the bank as security for a year, leaving the funds at risk.

Welcoming the convictions, Mothibi emphasised the importance of protecting communities from the environmental and financial consequences of mining activities.

“Rehabilitation trusts exist to ensure that surrounding communities are not left to carry the cost of the damage mining leaves behind. We commend the prosecution and investigation team for securing such a crucial conviction. We remain committed in the fight against corruption.

“The matter was postponed to 1 December 2026 for sentencing proceedings. The court also extended bail for Ragavan and Govender until the case is finalised,” he said.

taungdailynews@gmail.com

MISA wishes Class of 2026 success as matric examinations begin


By KEDIBONE MOLAETSI

13 October 2026 – The Motor Industry Staff Association (MISA) has wished the Class of 2026 well as learners prepare to write their National Senior Certificate (NSC) examinations, marking the culmination of 12 years of schooling. The October–November 2026 examinations are scheduled to begin on 13 October with Computer Applications Technology (CAT) Paper 1 Practical and conclude on 26 November 2026.

More than 856,000 learners have enrolled for this year’s examinations.

MISA spokesperson Phakamile Hlubi-Majola said the examinations represented an important milestone for learners and an opportunity to take the next step towards their future careers and further education.

“For many matriculants, these examinations represent the completion of 12 years of schooling and months of dedicated preparation.

“Their results will also play an important role in shaping their next steps, particularly for learners who plan to pursue further studies at universities, colleges and other tertiary institutions,” she said.

Hlubi-Majola further said the examinations have received the green light from Umalusi, the quality assurance council responsible for general and further education and training, following an assessment of the readiness of the examination system and preparations by the Department of Basic Education and provincial education departments. She added that Umalusi’s approval confirmed that the necessary measures were in place to support credible, fair and secure examinations.

“The association also highlights its commitment to supporting the educational aspirations of members’ children through financial assistance programmes.

“The MISA Bursary provides R12,500 towards the tertiary studies of qualifying children of members, while its School Support programme offers financial assistance to eligible learners from Grade 1 to Grade 12,” said Hlubi-Majola.

According to her, these initiatives are aimed at ensuring that financial difficulties do not prevent members’ children from completing their education and reaching their full potential. Hlubi-Majola said the association recognised that educational support was important in helping young people access opportunities and build a better future.

“As learners prepare for the examinations, MISA has encouraged them to remain focused, use their remaining study time effectively and approach each paper with confidence.

“Learners have also been urged to comply with examination rules and instructions to ensure a smooth and credible examination process,” she said.

Hlubi-Majola said MISA wishes the Class of 2026 every success in their final examinations. She said may their hard work and dedication pave the way for a bright and successful future.

taungdailynews@gmail.com

A man sentenced to 25 years for murder and attempted murder


By REGINALD KANYANE

13 October 2026 – An accused, Sivuyile Mntuyedwa (23), has been sentenced to a combined 25 years imprisonment for murder and attempted murder following a stabbing incident in Kuyasa village in September 2025.

Northern Cape police spokesperson Captain Nomthandazo Mnisi said the Colesberg Regional Court sentenced Mntuyedwa on 7 October 2026 to 15 years imprisonment for murder and 10 years for attempted murder. Mnisi said he was also declared unfit to possess a firearm.

According to Mnisi, the incident occurred on 6 September 2025, when Mntuyedwa became involved in an altercation with the son of Sarah Tina (49). She said during the confrontation, Mntuyedwa allegedly drew a knife and approached the son.

“Tina intervened in an attempt to defuse the situation, but was stabbed in the upper body. Mntuyedwa later followed Patrick Vuyo Louw (27), who had stopped to assist the injured woman and stabbed him in the chest.

“Louw died at the scene and Mntuyedwa was subsequently arrested. The successful prosecution followed an investigation by Detective Sergeant ZG Phololo of the Kuyasa Detectives,” said Mnisi.

The acting Northern Cape Police Commissioner, Major General Luntu Ngubelanga welcomed the sentence and commended the investigating officer and prosecution team for their dedication and professionalism. Ngubelanga said the South African Police Service (SAPS) remained committed to ensuring that perpetrators of violent crime were held accountable for their actions.

taungdailynews@gmail.com

Monna o atlholetswe di ngwaga di le 10 morago ga go betelela leloko la kereke jaaka ene


Ka OBAKENG MAJE

13 Diphalane 2026 – Monna wa dingwaga di le 28 wa kwa motseng wa Sekhing mono Taung, o atlholetswe dingwaga di le 10 kwa kgolegelong. Se, se tla morago ga gore a betelele mosadi wa dingwaga di le 22 ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung. Go begwa fa Letlhogonolo Theophilus Motshabi a ne a itse motswasetlhabelo jaaka le leloko ka ene la kereke.

Sebueledi sa Bosetšhaba sa Botšhotšhisi (NPA) mono Bokone Bophirima, Lindiwe Mabasa, o tlhalositse gore kgotlatshekelo e utlwile gore ka la di 29 Mopitlwe 2025, mosadi yo o ngongoregang o ne a le kwa lefelong la bojalwa le bomorwarraagwe le bokgaitsadie fa Motshabi a ne a mo kopa go tsamaya le ene go ya kwa ntlung e e gaufi go ya go ga metsi a a neng a tla go dirisetswa hubbly bubbly peipi. Mabasa are fa ba goroga, Motshabi o ne a tsena mo ntlong e nnye ya mmu e e neng e dirisediwa go boloka dikgong.

“O ne a kopa mosadi gore a dirise lebone la mogala wa gagwe go bonesa mo teng ga ntlo ka gonne ene a ne a sa bone sentle. Mosadi o, o ne a dumela, a sa itse maikaelelo a gagwe.

“Motshabi o ne a tswala kgoro, mme a akantsha gore ba tlhakanele dikobo. Fa mosadi a gana e bile a leka go letsetsa kgaitsadie yo o neng a sa ntse a le kwa lefelong la bojalwa, Motshabi o ne a mo tshwara, a mo amoga mogala mme a mo tshosetsa ka garawe,” ga rialo Mabasa.

Mabasa are ka ntlha ya go boifa botshelo jwa gagwe, mosadi o ne a apola diaparo tsa gagwe. Motshabi o ne a mo betelela a mo tlhaga kwa morago. Mabasa are Motshabi o ne a tswelela ka go mo betelela le fa mosadi a ne a lela ka ntlha ya botlhoko e bile a mo kopa gore a emise.

“Ka nako eo, batho ba ba neng ba le kwa lefelong la bojalwa ba ne ba lemoga gore mosadi o a lela, mme ba itsise ausi wa motswasetlhabelo.

“Fa ba fitlha, ba ne ba mo fitlhela a tshwenyegile thata e bile diaparo tsa gagwe di le leswe. O ne a bolelela Mogoloe gore Motshabi o mo beteletse,” Mabasa wa tlhalosa.

Mabasa are Motshabi o ne a tlhagelela ka letlhabaphefo le le kwa ntlheng e nngwe ya phaposi, a sa apara hempe e bile a sa rwala setlhako se le nosi. Mabasa are Motshabi a bodiwa gore ke eng a rwele setlhako se le mosi, o ne a boela mo ntlong ka kgoro e e kwa thoko, mme moragonyana a tswa ka letlhabaphefo a rwele setlhako se sengwe.

“Moragonyana, o ne a leka go tlhotlheletsa ausi wa motswasetlhabelo gore a dumele gore ga a a tlhakanela dikobo le monnawe, ka go leka go mmontsha dirwe tsa gagwe tsa bonna.

“Ausi wa motswasetlhabelo o ne a gana go leba, mme a ya kwa seteisheneng sa mapodisi go ya go bula kgetsi. Motshabi o ne a se ka a ipona molato, mme kwa tshimologong a latola ditatofatso.

“Moragonyana, o ne a kaya fa mosadi o, a ne a dumetse go tlhakanela dikobo le ene, le gore o ne a gakgametse fa a simolola go lela le go goa,” Mabasa wa tlhalosa.

Mabasa are Motshabi o ne a newa beile fa kgetsi e sa ntse e seka. Le fa go ntse jalo, kgotlatshekelo e ne ya gana tlhaloso ya gagwe mme ya fitlhela gore bosekisi bo ne bo supile molato wa gagwe ntle le pelaelo epe e e utlwalang. Mabasa are Motshabi o ne a bonwa molato wa petelelo.

“Ka nako ya dikganetsano tsa katlholo, mmueledi wa puso, Kgotso Mosanya, o ne a kopa kgotlatshekelo gore e mo atlhole go ya ka katlholo e e beilweng ke molao ya bonnye jwa dingwaga tsa kgolegelo.

“O ne a tlhalosa gore Motshabi o ne a dirisitse tshepo ya mosadi yo ka tsela e e sa siamang, ka gonne a ne a mo itse e le leloko ka ene la kereke mme a se na lebaka la go akanya gore a ka mo tlhasela,” Mabasa wa tlhalosa.

Mabasa are Mosanya gape o ne a bolela gore Motshabi ga bontsha go ikwatlhaela se a se dirileng, le gore petelelo eo, e tlogetse mosadi a na le botlhoko le kgatelelo ya maikutlo tse di nnelang ruri. Mabasa are kgotlhatshekelo e ne ya fapoga mo katlholong ya bonnye jo bo beilweng ke molao mme ya atlhola Motshabi dingwaga di le 10 tsa kgolegelo ntle le kgetho ya go di fokolediwa.

“Gape e ne ya laela gore leina la gagwe le tsenngwe mo Rejisetareng ya Bosetšhaba ya Batlolamolao ba ba Amanang le Thobalano,” ga rialo Mabasa.

Mokaedi wa Botšhotšhisi jwa Setšhaba mono Bokone Bophirima, Dr Rachel Makhari-Sekhaolelo o amogetse katlholo eno, a bolela tsholofelo ya gore e tla thibela batho ba bangwe go dira ditlolomolao tse di tshwanang. Makhari-Sekhaolelo o gateletse gore NPA e tswelela go tsaya petelelo e le tlolomolao e e masisi e e gatakang seriti, tshireletsego ya mmele le ditshwanelo tsa motheo tsa batswasetlhabelo.

“NPA e ikemiseditse go lwantsha tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le dipolao tsa basadi (GBVF), go netefatsa gore badiraphoso ba rwala maikarabelo a ditiro tsa bone le go sireletsa seriti le ditshwanelo tsa batswasetlhabelo,” Makhari-Sekhaolelo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Losi calls for action against unemployment


By OBAKENG MAJE

13 October 2026 – COSATU President Zingiswa Losi has called on the federation’s leadership and affiliates to put aside factional differences, unite behind the interests of workers and intensify the fight against unemployment, poverty, inequality and exploitation. Addressing the opening of the Congress of South African Trade Unions’ (COSATU) 15th National Congress on 12 October 2026, Losi said the federation faced a critical moment following recent divisions that resulted in an adjourned congress.

She urged delegates to use the gathering to rebuild unity and strengthen the labour movement rather than allow internal disputes to weaken the organisation.

“We have been down this road of division, and it does not end well. It weakens the Federation, it demoralises workers, it emboldens our class enemies. It is enough.

“The federation had to place workers’ interests above individual ambitions and factional differences. Continued division could undermine our ability to represent the working class,” said Losi.

She said let this adjourned Congress mark the moment when all of them step back from the precipice, unite and put aside their differences and place the unity of the federation and the interests of the working class ahead of our individual ambitions or factional imaginations. Losi said COSATU’s primary responsibility was to defend workers against unemployment, exploitation, poverty, inequality, racism, sexism, crime, corruption, homophobia and Gender Based Violence (GBV).

“The federation existed to serve workers, including domestic workers, public servants and employees in vulnerable sectors.

“We are here to serve the working class, from the domestic worker in Sandton forced to work for weeks at a time without seeing her children, to the police officer in Kimberley who risks his life to keep us safe. We are not here to serve ourselves,” she said.

Losi highlighted what she described as COSATU’s achievements in protecting labour rights, improving wages and securing social and economic reforms. She said the federation had played a significant role in defending South Africa’s progressive labour laws and preventing proposals that sought to weaken workers’ rights.

“I want to point out agreements we have reached with government following negotiations at the National Economic Development and Labour Council (Nedlac), including measures to double retrenchment payments, protect the National Minimum Wage from deductions and extend labour protections to workers in non-traditional employment arrangements.

“The national minimum wage had helped improve the earnings of millions of vulnerable workers since its introduction,” said Losi.

According to her, minimum wages for domestic workers, farm workers and employees in sectors such as hospitality, construction, cleaning, security and transport had increased substantially. She further highlighted the two-pot retirement system, which came into effect in 2024 after years of engagement and resistance, saying it had enabled millions of workers to access some of their retirement savings while retaining funds for long-term retirement provision.

“Today, more than R80 billion has been released into the pockets of over 4 million highly indebted workers whilst boosting long term savings and doubling the number of workers who will be able to retire in comfort.

“The federation would continue engaging government on tax reforms to reduce the financial pressure on working and middle-class households, added Losi.

She warned that South Africa could not continue to accept high unemployment and sluggish economic growth as normal. Losi called for a comprehensive economic stimulus package, increased public employment programmes and the revival of artisan training to create pathways into permanent employment for young people.

“We cannot continue to normalise the abnormal nor tolerate 43.8% unemployment and a stagnant economy,” she said.

She also urged government to abandon austerity measures and ensure that public institutions received adequate resources to deliver essential services.

Losi welcomed the recruitment of additional personnel in the public sector, including 10 000 police officers, 10 000 labour inspectors and 6 500 South African Revenue Service employees.

She said the country needed more teachers, police officers, nurses, paramedics, doctors and other public servants to meet the needs of communities.

taungdailynews@gmail.com