Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa Manthe e buseditswe morago


Setshwantsho: Bangwe ba balatofadiwa mo kgetsing ya polao

Ka OBAKENG MAJE

26 Diphalane 2026 – Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung go fitlha ka di 11 Ferikgong 2027. Bakang Katong (33), yo o atlholetsweng dingwaga di le robedi kwa kgolegelong mo kgetsing ya petelelo, ga mmogo le balatofadiwa nae mo kgetsing ya polao, Thabang Lenyai (24), Katlego Mosimege (32), le Phenyo Katong (35), ba ne ba tshwarwa dingwaga di le nne tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35), setlhogo.

Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng. Seno se tla morago ga gore ba mo latofatse ka go ba utswetsa madi a seatleng a lekang ka R20 000 le diritibatsi tsa R1200.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la The Guardian Newspaper gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.

“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go gorogeng ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba mo gokelela mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala.

“Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa. Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.

Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le nnotagi.

Go fitlha ga jaana, dipaki tsa puso di setse di ntshitse bopaki go akaretsa le mooki yo o neng a amogela setopo sa moswi kwa kliniking ya Manthe.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.