
Setshwantsho: Seteishene sa sepodisi sa Reivilo
Ka OBAKENG MAJE
26 Diphalane 2026 – Babelaelwa ba le bane ba kwa Reivilo ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le go teketa Keneilwe Molatlhwa (44) ka maikaelelo a go mo ntsha dikgobalo. Se, se tla morago ga dipego tsa gore babelaelwa ba, ba latofatse Motlatlhwa ka boloi.
Go ya ka dipego, bangwe ba maloko a lelapa la babelaelwa, ba ile ba itatlhela ka dikago tsa seteishene sa sepodisi, le go ipelaetsa gore barwa rrabone ba gololwe. Go begwa fa ba ile ba tshosetsa motlhankedi wa sepodisi o neng a le mo tirong ka nako eo, le go mo goga-goga ka diaparo.
Go begwa fa motlhankela o wa sepodisi, a ile a patelesega go dirisa gase ya dikeledi go okobatsa seemo.