Taung Agricultural College ke yone fela mo nageng e e neelanang ka dithuto tsa Diploma in Agriculture in Irrigation


Setshwantsho: Dialogane kwa Taung Agricultural College

Ka OBAKENG MAJE

10 Diphalane 2026 – Kholetšhe ya Temothuo ya Taung (Taung Agricultural College) ke setheo sa katiso se se kgethegileng, se e leng sa puso, se se mono Taung, mo porofenseng ya Bokone Bophirima. Kholetšhe e, e tlhomilwe ka 1965 go kgotsofatsa ditlhokego tsa katiso ya temothuo mo kgaolong.

Kholetšhe e ne ya itemogela dikgoreletsi tsa nakwana, mme ya latlhegelwa ke kamogelo ya semmuso ka 2002 ka ntlha ya mathata a mafaratlhatlha. Fela Lefapha la Temothuo, Pabalelo ya Tikologo le Tlhabololo ya Metsemagae mono porofense ya Bokone Bophirima, le ne la tokafatsa mafaratlhatlha a kholetšhe, mme seo sa dira gore e bulwe gape le go tswelela ka mananeo a thuto e e kwa godimo.

TAC ke yone fela setheo mo Aforika Borwa se se nang le kamogelo ya semmuso ya go ruta Dipoloma e e Kgethegileng ya Temothuo mo go Nosetseng ka Metsi (Diploma in Agriculture in Irrigation), mo Maemong a 6 a Ntlha ya Bosetšhaba ya Ditshwanelego (NQF). E dira ka fa tlase ga Lefapha la Temothuo le Tlhabololo ya Metsemagae (DARD) la porofense, mme e tsepamisitse mogopolo mo tirisong e e nang le bokgoni jwa metsi, tlhagiso ya dijalo le furu, saense ya mmu le temothuo e e tlhakaneng e e tshwanetseng dikgaolo tse di omeletseng le tse di nang le tlhaelo ya metsi.

Fa e sena go latlhegelwa ke kamogelo ya setheo go tswa kwa Lekgotleng la Setifikeiti sa Thuto ya Dithekenikhone (Certification Council for Technikon Education) ka 2002, Kholetšhe ya Temothuo ya Taung (TAC), ene ya ntshafatsa e ipaakanyo go simolola go ruta Dipoloma ya Temothuo go simolola ka Ferikgong 2010.

Go tloga ka 2003, kholetšhe e ntse e ruta mananeo a thuto ya tiro ya diatla a N3 go fitlha go N6 mo Tsamaisong ya Temo, gammogo le mananeo a Thuto le Katiso e e Tsweletseng (FET) a a diretsweng balemirui. Le fa go ntse jalo, lenaneo la thuto ya tiro ya diatla le fedisitswe ka gonne kholetšhe e ne e rulagangwa sesha gore e kgone go ruta mananeo a dipoloma le a FET ka bobedi. Dikholetšhe tsotlhe tse 12 tsa temothuo mo Aforika Borwa, go akaretsa le Kholetšhe ya Temothuo ya Taung, di ne di le mo thulaganyong ya go rulaganngwa sesha gore di tsamaisane le melawana le maemo a a beilweng.

Thulaganyo eno e ne e eteletswe pele ke Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi. Go sale gale, kholetšhe e ngoketse barutwana ba Grade 9 go fitlha ka Grade 12 ba le sekete le makgolo a mabedi le masome a matlhano ka letsatsing la yone la Pulo le Tlhagiso ya Menyetla ya Ditiro ka di 7 Diphalane 2026.

Palo eno e feta gararo palo ya barutwana ba le 400 ba kholetšhe e neng e ba solofetse go tsenela tiragalong eo. Tiragalo eno ya ngwaga le ngwaga e ne e ikaelela go itsise barutwana ka ditshono tse di leng teng mo temothuong le go ba naya tshedimosetso ka ga mokgwa wa go dira kopo kwa kolecheng.

Mogokgo wa kholetšhe, Dr Karabo Mabe, a re palo e kgolo eo ya barutwana e bontsha kgatlhego e e tsweletseng go gola ya basha mo lekaleng la temothuo.

“Re ne re solofetse barutwana ba le 400. Palo e e tlileng e feta se re neng re se solofetse. Gompieno re fitlhile kwa palong ya barutwana ba le sekete le makgolo a mabedi le masome a matlhano ba ba tlileng,” Mabe o boleletse The Guardian Newspaper jalo.

Mabe a re kholetšhe e dirisitse tiragalo eno go rotloetsa baithuti go tsaya temothuo jaaka tiro, fa gape ba newa tshedimosetso ka ditshono tse di kgethegileng tse di leng teng kwa setheong seo.

Taung Agricultural College ke nngwe ya dikoleche di le pedi tsa temothuo mo Bokone Bophirima, mme e nngwe e kwa Potchefstroom. Mabe a re thuto eno e botlhokwa segolobogolo ka ntlha ya tlhokego ya metsi mo nageng.

“Jaaka naga, re tlhoka dijo go netefatsa gore re tswelela re na le tshireletsego ya dijo le go lwantsha khumanego,” ga rialo Mabe.

A re lenaneo leno le ruta baithuti ka selekanyo sa metsi se se tlhokwang ke dijalo tse di farologaneng, mmogo le ka fa tiriso ya metsi e tshwanetseng go laolwa ka teng go ya ka dinako le dipaka tse di farologaneng, gore tlhagiso e tokafale.

Botlhokwa jwa temothuo bo gateletswe gape ke Sarah Makhoba wa Lefapha la Bosetšhaba la Temothuo, yo a reng tiragalo eno e ikaelela go gogela baithuti ba le bantsi kwa Taung Agricultural College, fa gape e ba thusa go tlhaloganya botegeniki le bophara jwa lekala la temothuo. Makhoba a re tiragalo eno e ne e ikaeletse gape go bontsha botlhokwa jwa temothuo le kafa lekala leno le amang matshelo a batho ka teng letsatsi le letsatsi.

Thembile Keohitlhetse, yo e kileng ya bo e le moithuti wa koleche eo mme jaanong a direla Lefapha la Temothuo la Kapa Bokone, o re go boela kwa kolecheng eno go ya go bua ka yone e ne e le sengwe se se botlhokwa mo go ene. A re dingwaga tse tharo tse a di feditseng kwa kolecheng eno e ne e le tse di molemo thata mo botshelong jwa gagwe, mme tsotlhe tse a di fitlheletseng morago ga moo di agilwe mo motheong wa koleche.

“Ke tshetse dingwaga tse tharo tse di monate thata mo botshelong jwa me mo kolecheng eno. Sengwe le sengwe se ke se fitlheletseng morago ga moo se bakilwe ke motheo o ke o neilweng ke koleche eno,” o buile jalo Keohitlhetse.

Mabe o rotloeditse barutwana ba ba sa kgonang go nna teng mo tiragalong ya Laboraro gore le bone ba akanye ka go dira kopo kwa kolecheng, a re Letsatsi la Pulo le Tlhagiso ya Menyetla ya Ditiro le tshwarwa ngwaga le ngwaga.

Dikopo tsa barutwana ba ba batlang go tsena mo kolecheng di tswalwa kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Diphalane. Bakopi ba tshwanetse go bo ba falotse serutwa sa English ka Level 4, Mathematics ka Level 3 kgotsa Mathematical Literacy ka Level 4.

“Batsadi mmogo le lona boorradikgang, tsweetswee abelanang ka tshedimosetso e lo e bonang fa, go netefatsa gore barutwana bano ba tla go dira dikopo kwa kolecheng ya rona.”

Mabe a re molaetsa wa koleche mo basheng o tlhamaletse: “Tshwetso e e siameng e ba tshwanetseng go e tsaya jaanong ke go ithuta temothuo.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.