
Setshwantsho: Diritibatsi tse di thopilweng ke sepodisi
Ka REGINALD KANYANE
8 Diphalane 2026 – Setlhopha sa Namakwa District Task Team se tsweletse go nonotsha maiteko a sone a go lwantsha bosenyi jo bo amanang le diritibatsi, ka matsholo a totobetseng a twantsho ya thibelo ya bosenyi a a ikaegileng ka go kgoreletsa kgwebo e e seng ka fa molaong ya diritibatsi le go dintsha mo baaging. Ka di 6 Diphalane 2026, maloko a Namakwa District Task Team a ne a dira ditiro tse di totobetseng tsa thibelo ya bosenyi, go emisa le go phuruphutsa batho le dipalangwa, mmogo le go paterola kwa Okiep.
Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Namakwa, mokaptein Ivan Magerman are go ile ga tshwarwa babelaelwa ba le mmalwa ka ntlha ya go tshwara le go rekisa diritibatsi tse di seng ka fa molaong. Magerman are e ne ya re ka ura ya 4:45 mo thapameng, maloko a a neng a dira ditiro kwa The Hill kwa Okiep a ne a emisa le go phuruphutsa monna wa dingwaga di le 42.
“Monna o, o ne a fitlhelwa a tshwere diritibatsi tsa Mandrax, mme o ne a tshwarwa. Nakonyana morago ga moo, maloko a ne a tswelela ka ditiro tsa bone, mme a tshwara mosadi wa dingwaga di le 45 ka ntlha ya go tshwara diritibatsi tse di seng ka fa molaong.
“Mo e ka nnang ka 5:30 thapama, maloko a a neng a paterola le ditiro tsa go emisa le go phuruphutsa mo tselakgolo ya N7, a ne a lemoga monna wa dingwaga di le 31 yo o neng a fetola tsela fa a bona sejanaga sa mapodisi,” Magerman wa tlhalosa.
Magerman are maloko a sepodisi a ne a mo sala morago, mme a mo emisa. Magerman are fa a phuruphudiwa, o ne a fitlhelwa a tshwere Tik, mme a tshwarwa ka ntlha ya go tshola diritibatsi.
“Monna yo mongwe wa dingwaga di le 38, yo o neng a itshwara ka tsela e e belaetsang, le ene o ne a tshwarwa mo nakong ya ditiro tseno. Setlhopa se, se ne sa tswelela ka ditiro tsa sone tse di totobetseng kwa Okiep, mme sa tshwara mmelaelwa yo mongwe yo o neng a fitlhelwa a tshwere diritibatsi.
“Go ne ga bonwa gape madi a a sa tlhalosiwang gore ke bokae, a go belaelwang gore ke madi a a bonweng ka thekiso e e seng ka fa molaong ya dritibatsi. Monna wa dingwaga di le 36 o ne a tshwarwa, mme a lebana le molato wa go rekisa diritibatsi,” ga rialo Magerman.
Magerman are ka kakaretso, babelaelwa ba le batlhano ba ne ba tshwarwa ka nako ya ditiro tsa Namakwa District Task Team kwa Okiep. Are maloko a sepodisi a Nababeep, le one a nnile le seabe mo katlegong eno fa mo e ka nnang ka ura ya 9:10 bosigo, a ne a tshwara monna wa dingwaga di le 29 ka ntlha ya go tshwara diritibatsi.
“Babelaelwa botlhe ba ba tshwerweng, mme ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya Springbok mo nakong e e sa fediseng pelo, kwa ba tla lebana le melato e e maleba.
“Bolaodi jwa sepodisi jwa sedika sa Namakwa, bo akgotse maloko ka ntlha ya boineelo jwa bone jo bo tswelelang jwa go lwantsha bosenyi jo bo amanang le diritibatsi tse di seng ka fa molaong, mme jwa gatelela gore ditiro tse di lebisitsweng kwa go tshwareng, go anamisa le go rekisa diritibatsi tse di seng ka fa molaong di tla tswelela,” Magerman wa tlhalosa.
Magerman are setlhopha sa Namakwa District Task Team se tla tswelela go nonotsha ditiro tse di ikaegileng ka go kgoreletsa kgwebo e e seng ka fa molaong ya diritibatsi le go tshwara batho ba ba amegang mo ditirong tsa bosenyi jo bo amanang le diritibatsi. Are ba ikemiseditse go dira gore baagi ba nne mo mafelong a a sireletsegileng le go netefatsa gore batho ba ba rekisang le go anamisa diritibatsi ba isiwa kwa di kgotlatshekelo.
“Sepodisi se kgothaletsa baagi go tshegetsa maiteko ano ka go bega ditiro tse di belaetsang tsa bosenyi le melato e e amanang le diritibatsi kwa mapodising kgotsa ka sephiri ka go letsetsa nomoro ya Crime Stop ya O8600 10111, kgotsa ka go romela molaetsa go MySAPS App,” Magerman wa tlhalosa.