
Ka OBAKENG MAJE
8 Diphalane 2026 – Molatofadiwa, Lynda Elize Schneider (50), o atlholetswe dingwaga di le supa kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya bosenyi jwa kgwebo e e kgethegileng kwa Vryburg morago ga go ipona molato wa tsietso. Schneider gape o atlholetswe dingwaga di le tharo mo kgolegelong mabapi le go tlola Molao wa Boitshupo wa 68 wa 1997. Dikatlholo tseno di tla tsamaya ka nako e le nngwe.
Dikatlholo tseno di tla tsamaisiwa ka gangwe.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Sergeant Kelebogile Morake are molatofadiwa o ne a tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo ka di 5 Diphalane 2026, kwa a neng a ipona molato mo ditatofatsong ka bobedi. Morake are kgotlhatshekelo gape e ne ya kaya fa molatofadiwa a sa tshwanelwa ke go nna le sethunya.
“Tiragalo eno e diragetse ka Phukwi 2025 kwa lebenkeleng la thekiso ya megala kwa Schweizer Reneke. Kgotlatshekelo e ne ya utlwa gore molatofadiwa o ne a etela lebenkele leo ka maikaelelo a go bona Apple iPhone 17 Pro Max 1TB ka konteraka.
“O ne a neela morekisi ditlankana tsa boitshupo le pegelo ya banka tse di fosagetseng, mme seno sa dira gore konteraka ya selefouno e amogelwe go dirisitswe ditlankana tsa maaka. Morago ga moo, molatofadiwa o ne a tsaya selefouno ka konteraka,” Morake wa tlhalosa.
Are dipatlisiso di ne tsa diriwa ka kelotlhoko ke mapodisi, mme tsa lebisa kwa go tshwareng ga molatofadiwa. Morake are molatofadiwa o ne a ipona molato mo di tatofatsong ka bobedi.
Mokomishinara wa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams, o akgotse Detective Captain Martin Joseph wa Provincial Commercial Crime Investigation Unit ka dipatlisiso tsa gagwe tse di manontlhotlho, tse di feletseng ka go atlega ga tshekiso le go bonwa molato ga molatofadiwa.
“Re rata gape go akgola Advocate Mosegedi wa Kantoro ya Mokaedi wa Botshwarwa ka go tlhagisa kgetsi eno ka botswerere fa pele ga kgotlatshekelo.
“Se, se nnileng le seabe mo katlegong go netefatsa fa tshiamiso e diragadiwa. Jaanong, re amogela katlholo eno, mme re akgola babatlisisi ka tiro ya bona ya boineelo e e dirileng gore molatofadiwa a isiwe fa pele ga kgotlhatshekelo,” Adams wa tlhalosa.
Adams are sepodisi se tla tswelela go batlisisa melato ya tsietso le go netefatsa gore batho ba ba dirisang ditlankana tsa maaka go dira ditiro tsa bosenyi ba tshwarwa, mme ba lebagana le letsogo la molao.